Naledi

A Ngaka Koma o robetse fa?

 

MAHALAPYE: Sengwe le sengwe se tshwana fela. Lebitla la gagwe le santse le ntse fela jaaka pele, e bile go lebega le ntse le onalela pele. Se se diragala jaana ntswa boeteledipele jwa lekgotla la Puophaa (Botswana National Front-BNF) bo kile jwa solofetsa gore bogolo bo tla beela rre Koma letlapa mme nako kgolo ke eno.

Fela jaaka bontsi bo itse, Koma o ne a tlhama lekgotla la sepolotiki lwa BNF ka 1966, a na le bo rre Kwele le Molomo. Go utlwala sentle fa maikaelelo a ga Koma e ne ele go leka go ritibatsa seemo sa makgamo a boeteledipele jwa BPP bogolosegolo, le jwa BIP. Phathi ya Domkgraga (Botswana Democratic Party) e ne e setse e dirisitse sebaka sa go tlhoka neelano ga diphathi tsa BPP le ya BIP, mme ya nonofa ya bo ya tswelela go gapa ditlhopho tsa sechaba tsa ntlha tsa 1965 le tse di latelang tsa 1969, le tse dingwe fela jalo.

Koma o ne a leka go tla ka megopolo ya go leka go tlhabolola batho pele mme motho e nne ene a tlhabololang lefatshe. Go supiwa a ne a remeletse thata mo thulaganyong ya gore batho ba bone dikitso.Gatwe o ne a dumela thata mo thutong le seabe se a ka nnang le sone go tlhabolola matshelo a batho.Koma o ne a simolola sekolo se ne se bidiwa Mahalapye Night School.

Go simolodisiwa ga sekolo se ne e le go leka go fa batho sebaka sa go ithutuntsa gore kgabagare ba nne tokafalo ya thuto mme ka jalo ba bone mebereko le go tlhabolola matshelo a bone.

Le fa sekolo sa gagwe se ne se buletswe mongwe le mongwe , Koma o ne gape a rutuntsha banana ba phathi ya BNF ka dikitso tsa boeteledipele le sepolotiki ka mogopolo wa gagwe wa go ba bopa ditlhotshwana(Study groups). Le kwa palamenteng, KK o kile a goroga. O ne a fenya Mothusa Tautona wa nako eo,Peter Mmusi mo ditlhophong tse maduo a tsone a ne tloga a tsosa kgaruru.Koma e ne le morutegi ebile ele mokwadi wa popota. Bontsi bo itse thata ka bukana ya gagwe e e neng e tumile thata ka leina la ‘pamphlet No. 1’ e ka yone a neng a ranolola megopolo e ene le ba a neng a na le bone mo lekgotleng, ba neng ba dumela gore lefatshe la Botswana le ka tlhabololwa ka teng.

Fela monna yo, le fa a ne a humile dikitso, gone go supiwa gore ene ele motho wa batho. A se mabife e bile lwapa la gagwe kwa Village kwa Gaborone, le neng le nna le tletse ka bakaulengwe ba gagwe ba ne ba ka kopa dithuso dipe fela tse ne ba ka di tlhoka.O mongwe wa bagaka ba pele ba kganetso, Paul Mmolotsi Rantao, Mopalamanetwa pele wa Gaborone Bophirima-Bokone, o ne a a tle a re, bangwe ba bona se se jewang fela fa ba fetile ka ntlo ya ga Koma.

Tsela e ne ya nna noga fa Koma a ne a simolola go kubetsana le mangwe maloko a BNF.

Go ne ga lowa ntwa e matlho mahibidu kwa Palapye ka ngwaga wa 1998.Dijase tsa banna le mesese ya basadi e fofa mo phefong go lwelwa dirwe tsa BNF.Bangwe ba ne ba simolola mokgatlho wa Botswana Congress Party(BCP) fa ba bangwe ba ne ba sala kwa BNF. Koma le ba bangwe ba ne ba tlhama o mongwe gape mokgatlho mme wa bidiwa New Democratic Front(NDF). Fela NDF e ne ya tloga ya nna bontlha bongwe ja BCP fa dingwaga di ntse di ya pele.