Naledi

BNF e tla tlotla Koma � Mohwasa

MOETI MOHWASA
 
MOETI MOHWASA

Ditsholofetso tse, di ne di eteletswe pele ke Tautona wa Puo-phaa, Duma Boko le lekalana la banana la BNF, fa ba kwala mo koranteng ba ipapaletsa ditlhopho tsa banana tsa phathi eo tse di neng tsa tshwarelwa kwa Thamaga. Ba ne ba tlhalosa fa mangwe a maikaelelo a bone ele go tlotla Ngaka Koma bogolo ka go mmeela letlapa kwa lebitleng la gagwe. Fela, nako kgolo ke eno.

Le fa gontse jalo, Moanamisamafoko wa BNF, Moeti Mohwasa, o tlhaloseditse Naledi beke eno gore ga ba kake ba tsepama mo goreng ba tlaa direla Koma letlapa.

“Ga nkake ka itlama mo goreng a re tlaa mo direla letlapa kana nnyaya. Mme fela, re solofetsa gore re tlaa mo tlotla ka tsela nngwe e re ka sekeng re e tlhalose gone jaana,” Mohwasa a bua jalo.

Mohwasa a re ele BNF, ba na le thulaganyo pele ga ngwaga ono o fela go tlotla mabutswapele a Puo-phaa a akaretsa Koma le Obonetse Menyatso kwa Mahalapye.

Fela, go utlwala menahune ya gore go santse gona le dikgang tse di masisi mabapi le mogopolo oo wa go tlotla mogaka yoo wa pele wa BNF.

Maiteko a Naledi a go tsomana le tlhaloso ee tsepameng mo go ba lelwapa la ga Koma kwa Mahalapye a ne a seka a atlega, mme dikgang tsone di a duma jaaka ekete di pharologanyo go lo gongwe magareng ga masika di kgoreletsa se, jaaka dikgang tsa dinonyane di senola bosheng, fa Naledi e tlhotlhomisa.

Dr. Koma o tlhokafetse ka ngwaga wa 2007. Mme fa esale go tloga foo, ga go ise go nne le sepe sese neng sa supa fa monna yo e ne ele mogaka jaaka bangwe ba ne ba dumela.

 Go lebega lebitla lone le tsofalela pele. Gore a go tla felela go tserwe dikgato tse di maleba go le sireletsa ke kgang ee tsenyang tlhobaelo.