Naledi

Ba kgwetse Tona Molao botlhoko

Go rata go jewa nko e sa butswa ke batho ga ga Molao go diragetse bosheng fa a ne a buisa phuthego kwa kgotleng kgolo ya motse oo, malatsinyana fela pele ga Tautona Ian Khama a mo fudusetsa kwa lephateng la thuto. Molao o ne a iphitlhela a setse a ntse mosima wa phika a sa solofela, fa bangwe ba batsenaphuthego eo ba ne ba mo gagolaka ka mafoko a a bogale a kgalo  go supa fa ba sa itumelele ditirelo tsa lephata la gagwe. Mokhanselara wa pele wa Letlhakane a le mo phathing ya Domkrag, Rre Keikemetse Shaka, yo o tlwaelesegileng ka leina la Mabalane, o ne a kgwa molelo wa diphera wa tlhoboso o o neng wa rata go tshuba Mothusa Tona .

‘’Ga gona ope wa lona yoo buelelang temothuo mo kgaolong ya Boteti, lo a palelwa, lo iphitlha ka menwana!’’ ga bua Shaka a phuphura makgabana.

Shaka o tsweletse a re go a gakgamatsa go bona matona a puso ya nako eno a rata go tlhokotsa diteme tsa bone ba itira ba ba dirang tiro ka botlalo ntswa go sa nna jalo gotlhelele, e le bone batshwarateu mo go nyeletseng seriti sa temothuo ee kileng ya bo e le mokokotlo wa itsholelo ya lefatshe leno. O ledile thata ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tse go rekwang thobo ya balemi ka tsone, go sotlega ga barui ba sa kgone go rekisa dikgomo ka ntlha ya go sa jesiwa Omang mo go felelang ka gore ba gapelwe dipolase ke lekalana la kadimiso madi la CEDA mme batho ba fetoge bahumanegi. Shaka a re dilo tsa go nna jalo di rotloediwa ke kemedi e e bokoa, mo baemedi ba sa kgatlhegeleng go tlhabolola matshelo a batho.

‘’Lo a palelwa borra. Nna ke tla le bolelela! Lo lebetse gore lo ne lo ikana gore lo tlaa re direla sentle fa re lo tlhopha. Jaanong rarabololang mathata a rona,’’ Shaka a kgwa tlhobokwe.

A re go a gakgamatsa gore mo nakong eno Mapalamente a Botswana a bo a ntse a tsweletse ka go nna a ntsha megopolo mme go seke go nna le sepe se se dirwang. A re ka ntlha ya gore megopolo ga e a bolo go ntshiwa go tswa ka motlha wa boipuso mme e sa diragadiwe, mme ga tla e mesha, a re seo se emisiwe, mme go sekasekwe e megologolo.

Ga se Shaka fela yo o gaketseng. Babui ba bangwe ba ba akaretsang Boyce Tawana, Otsile Mmatlakgomo, Israel Lelesamang le ba bangwe ba re ba batla gore BMC e e kwa Francistown e fudusediwe kwa Boteti, gonne kgaolo ya bone e na le leruo le lentsi.

Bangwe ba re ba tlaa tswelela ba lema ka tsela ya bogologolo gona le ka ditselana ka gore diterekere di a tlhaela le badiri ba temothuo ba tletse boitseme. Le fa go ntse jalo, Molao o ne a ba kopa gore ba nne pelotelele.

O ne a ba bolelela ka maikaeleo a magolo a lephata la gagwe a go tsosolosa mohama wa temothuo. O buile ka dilo tse di farologanyeng tsa lephata la gagwe mme badiri ba lephata leo le bone ba ema ka dinao ka bongwe ka bongwe ba inanatha ka mabaka a go leka go tima molelo wa dingongora o o neng o peperetla mo kgotleng.