Naledi

Moruti Mapii o tlhomilwe

Moragonyana ga tiro e sena go simolola ka thapelo le difela tse ditlhabolang, bogolo jang gotswa mo khwaereng ya Lontone, phutlhego ya Lerala ya bolela fa go aba ele mangwe a maitlamo a yone.

Bare phuthego e dira seo ka lorato le go ema nokeng kopo ya ga Tautona Khama ya gore go thusiwe Batswana ba ba tlhokileng lesego mo sechabeng.

Phuthego ya Lerala ene ya abela mme mongwe dikobo,melora le tse dingwe.

Morago ga kabo ya dimpho tseo bangwe bagolo ba phuthego ba ne ba latlhela la bone malebang le moruti Mapii yo ebileng ana le dikgwedi di le mmalwa a dira mo kereng eo le bone.

Bao ba buile gore ba bolaile ba sa tsaya tlhobolo ka moruti yoo.

 “Moruti Mapii fa a sale a goroga mono o tsena ntlo le ntlwana go lekola balwetse le batsofe.

Tota ke lantlha re bona moruti yoo maitseo jaana,yoo bonolo ebile a rata batho thata.Ka re sokotse go bona moruti mono,ako le seka la re tseela moruti yo batho.”Ga bua mmamatlotlo wa Lontone ya Lerala a lebile marara a kereke eo ka leitlho le le nchocho.

Pele ga moruti Mapii a apesiwa purapura ya boeteledipele ja semoya o ne a ema phutlhego ka lefoko.Moruti Mapii o kaile fa maemo aa a boruti a tile go ene ele pitso ea e boleletsweng ke bangwe baruti ene asa lemoge ebile a godile asa itse fa eka nna moruti ka letsatsi lengwe.

Le fa go ntse jalo a re o ikemiseditse go dira tiro ya modimo ka bongwefela ja pelo. Faa nankola ditso tsa gagwe mo tumelong moruti Mapii a re o simolotse tumelo ele ngwana wa sekolo sa Sontaga kwa Lontone ya Mahalapye.Moruti Mapii a re one a golela mo tumelong le mo lelwapeng la tumelo gone kwa ga bone kwa Mahalapye.

Go bolelwa fa moruti Mapii a kile a nna Mokwaledi wa Lontone ya Mahalapye dingwaga di le mmalwa.Bontsi bo boletse fa ane a dira tiro eo ka bonatla le botswapelo abe a etelela phutlhego fa moruti a seo.

“Ga ntsi one a rongwa go emela kereke ya Mahalapye kwa ditirong tse di farologaneng mo Botswana.Seo sa nna sa supa botlhaga ja gagwe.

Tota le fa ele motho yoo mamu,wa menyenyo ale bonolo,fela mo kerekeng molao wa gagwe o gagametse.”Ga bua mongwe mogolo gotswa Mahalapye.Moruti o ne a apesiwa purapura ya boruti ke Moruti Felix Kgolo Mokobi.Moruti Mapii o ne a bolela fa Moruti Mokobi a mo godisitse mo tumelong ,seo sa mo thotheletsa go nna moruti.A re o etle a etlele moruti Mokobi go anywa maele.

Morago ga kapeso Moruti Mapii o ne a amogela mamphemphe a dimpho gotswa mo phutlhegong ya gagwe ya Lerala.A leboga thata.

Tirelo ya kereke ene ya tswelela go fitlha go ya go akolwa dijo.Bangwe marara a UCCSA ba ba neng ba le foo ke Reverent John Motswai ,Rev Caxton K.Mosiakgabo, Rev M.K Nteta ,Rev Felix K.Mokobi le ba bangwe.

Le mororo Mapii ele moruti ka jeno mme o dirile dingwaga di le masome a mararo ele morutabana wa dikolo tsa Senior Secondary, abe a lesa tiro ele mogokgo.

Mapii ene ele mankge wa dithuto tsa Setswana ebile ele mokatisi wa nkwenkgoga ya metshameko mo dikolong tsa puso mme a tlotliwa thata ke baithuti.

“E ne ese morutabana wa thupa le lekgobo mo baneng.

O re agile fela ka lefoko go fitlha re nna batsadi.Bontsi ja rona rea mo rata ebile rea mo tlotla.”Ga bua moithuti wa gagwe wa pele.