Naledi

Go loelwa mo kgotleng � Puso

 

A re ke seo go leng botlhokwa thata go e tlotla. Erile a amogela molelo wa kgolagano ka Labone mo motseng wa Batlokwa, Tlokweng, Puso o ne a bolela fa go le botlhokwa thata gore Motlokwa mongwe le mongwe a ikgate motlhala go ikgakolola ngwao ya Setlokwa. A re kgotla e ya Batlokwa ke thailwe dingwaga di le dintsi tse di fetileng, mme batho ba ba neng ba dira tiro e ntle e, ba ne ba itse se ba se dirang.

Kgosi Puso a re kgotla kgolo e thaiwa le go bewa ke babogosi ka e le bone beng ba motse, le yone kgotla eo, eleng seo morafe otlhe o tshwanelwang ke go e neela tlotlo le tlhompho yotlhe e e e tlhokang.

O ne a bolela gore magosi a Batlokwa a ne a nna mo kgotleng, ba dikagadinyetse molelo, a re fa ba dira jaana ba ne ba bua dikgang tsotlhe tse di ba amang gammogo le morafe wa bone. A re dikgang tostlhe go sa kgathelesege gore di ka nna bogolo go le kae, di ne di tshwarelwa mo kgotleng kgotlo ya Batlokwa ka magosi a e ne e le one baeteledipele ba morafe o wa babina Thakadu. Kgosikgolo o tsweletse a bolela gore le go loiwa le go thaya motse go ne go dirwa mo kgotleng kgolo, a bua jaana bamoreetsi ba sule ka ditshego go utlwa mogolo a papamala fela a re go ne go loiwa thata.

A re magosi a Setlokwa a ne a nna mo kgotleng, a dikaganyeditswe ke dikgosana le bangwe ba morafe, mme ba ikagelela jaana ka batho ba ba tshepegang, eseng motho yo o ka nnang a nna le mowa o o bosula mo kgosikgolo. Yo o ka nna a gasa dikgang tsa ntlo ya bogosi kwa ntle ka ntlha ya go repa ditlhaa ga gagwe.

Kgosikgolo Puso o ne a bolela fa molelo o wa kgologano le one Batlokwa ba o neela tlotla ka go o amogela mo kgotlengkgolo ya bone, a re ga gona lefelo lepe le le fetang kgotla kgolo ka seriti. A bolela fa Batlokwa ba le motlotlo thata go nna bone ba ntlha go amogela molelo wa kgolagano go tswa mo go tautona Lt General Ian Khama morago ga go o tshuba ka letsatsi la boipuso kwa lebaleng legolo la metshameko. A re se ke ditso tse Batlokwa ba tla a tswelelang ba digakologelwa le morago ga dingwaga di le dintsi tse di tlang, mme a ba kopa go tsaya molelo o wa kgolagano ka tlhwaafalo.

Mo letsatsing le le latelang, molelo o, o ne wa goroga kwa Ga-Malete, motse one e le wa Ramotswa, kwa o neng wa amogelwa ke Kgosikgolo ya Balete Kgosi Mosadi Seboko mo kgotleng kgolo.

Mosadi o ne a bolelela morafe wa gagwe fa molelo e le selo se se supang lorato le kutlwelobotlhoko, a re go a itumedisa thata go bona le bone e le morafe wa Balete ba amogela molelo o go tsaya karolo mo loetong la go leba kwa moletlong mogolo wa go ipelela boipuso jwa dingwaga tse di masome matlhano ngwaga e e tlang. O ne a gakolola gore a e re go ipelwa molelo jaana, morafe o seka wa lebala borai le bodiphatsa jwa molelo, a kopa gore mongwe le mongwe a itlhokomele ka o kgona go baka dikgobalo tse di masisi. A re a ope a se nne motswa setlhabelo sa molelo fa go ipelelwa dingwaga tse di masome matlhano tsa boipuso.

Kgosi Mosadi o ne a kopa Balete botlhe go tswelela ba tshwaragana go godisa ngwao le ditso tsa bone, fela jalo le ditumelo ka go farologana, se a reng ba se kgona fela ka go amogela ngwao le ditumelo tsa dikereke.

Mogolwane kwa khanseleng ya Tebelopele ya setshaba ya 2016 o ne a bolela fa Balete ba tshwanetse go ipela ka se ba leng sone, a re ke morafe o o iseng o amiwe thata ke semorafe le kgethololo. Se a re se dirwa ke gore dikereke kgolo tsa Lontone le Roma di simologile koo. Molelo o o tla a ralala lefatshe la Botswana mme loeto la one le tla a wela ngwaga e e tlang ka Lwetse a ya fifing.