Naledi

Kgaisanyo ya Builders e a gola � Ramaabya

Go ya ka mogolwane wa pele wa lekgotla le le tsamaisang merero ya motshameko wa kgwele ya dinao kwa Kgatleng, yo gape eleng ene a simolotseng kgaisanyo e, Olefile Oliver Ramaabya, are e supa kgolo le tlhabologo e e nametsang. A re fa ba simolola kgaisanyo ka thotloetso ya Builders World ya Mochudi, ba bo ba itebagantse fela le motshameko wa kgwele ya dinao ya basimanyana ba dingwaga tse di kwa tlase.

O boletse gore se se ne sa ba thusa thata go bona jaanong ditlhopha tsa diliki tsa Kgatleng di tlhwaafalela go simolola ditlhopha tsa batshameki ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le bosupa, tse di neng tsa ngoka basimanyana ka dipalo tse dintsi thata. A re o ikutlwa a le motlotlo  ka se se thusa thata go simolola bana ba sale bannye gore ba gole ba itse motshameko wa kgwele ya dinao. Ramaabya o boletse gore e ntse e le ka thotloetso ya kompone ya Builders World, ba ne ba kgona go simolola ditlhopha tsa basetsanyana, se e ntse e le go supa kgolo le kgatelopele, mme morago ga akarediwa le metshameko e mengwe jaaka Soobolo le bolibolo.

Ramaabya a re kgaisanyo e ya basimanyana le basetsanyana ba dingwaga tse di kwa tlase, gammogo le diliki tsa bone di na le mosola o montsi thata ka di ntsha batshameki ba le mmalwa go ya kwa ditlhopheng tsa diliki tse ditona.

A re kgaolo ya Kgatleng e setse e ntshitse batshameki go ya kwa ditlhopheng tsa setshaba, go tloga fela ka tsa dingwaga tse di kwa tlase le tsone Dipitse tsa Naga tota, eleng seo ba boneng go le botlhokwa go nna le diliki tsa batshameki ba dingwaga tse di kwa tlase. 

Gore metshameko e tlhabologe mo Kgatleng, Ramaabya a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a ititeye ka thupana go nna le seabe se se utlwalang go thusa. O kopile bagwebi le dikompone go thusa ka madi le didirisiwa tsa metshameko.

O ne a leboga thata kompone ya Builders World ya Mochudi ka go bona botlhokwa jwa go simolola metshameko kwa moding, ka e le gone kwa ditlhopha tse ditona di ka kgonang go bona batshameki teng.

O tlhalositse gape gore metshameko e thusa thata go ntsha le go ogola bana mo mekgwatlheng ka gompieno e fetogile tiro le kgwebo e ba ka itshetsang ka yone.

Ramaabya o feditse ka go kopa barati le balatedi ba metshameko go tla kwa metshamekong go neela batshameki kemonokeng e ba e tlhokang gore le bone ba seka ba tloga ba kgobega marapo.