Blogs

A re go ja eng? (14)

Re re o dirwa jaana ke gore ga e re Motswana a natetsha Setswana a itsape. O a se natetsha, a se loise, ka tsela tse dintsi. Gompieno re utlwe a re go na le go ja mohuhutso wa phatla. Gone fa, e re ntswa re itse gore mohuhutso ke eng, re botse Thanodi. Se, e le go batla go utlwa gore a e tlaa tlhalosa lefoko le jaaka re a tle re utlwe Motswana a le dirisa. Ke eo, e re mohuhutso ke metsi a a molelo a a tswang mo mmeleng. Re amogele tlhaloso e, re re go ntse jalo. Gape re botse gore phatlha yone ke eng? Thanodi e re seo ke fa godimo ga matlho mo sefatlhogong. Re nne re dumalane le Thanodi. Gone fa, gongwe potso e tle e botse gore mme e re motho a tlaa ja mohuhutso wa phatla, go bo go rileng? E fetele pele e re, a motho o ka gelela one metsi ao, mo phatleng ya gagwe, a a nwa. Karabo e re, jaaka re setse re supile fa godimo fale, seo e a bo e le go natefisa puo fela e se gore tota motho o ka dira jalo.

Go ise go e gope, ke gore, kgakala, a re tlhalose gore lenatetshapuo le la go ja mohuhutso wa phatlha le tshwane le la dijo tsa ditoro. Re setse re bonye gore lenatetshapuo la dijo tsa ditoro ga le tlhamalale la re motho o ja dijo tsa ditoro. Go na le go bua jalo le re, motho o ijesa dijo tsa ditoro. Mme gape, le fetele pele le re, motho yo mongwe ene o jesiwa dijo tsa ditoro. Go sale jalo, re boele morago re re, re ne ra bona  go dirwa jalo ke Pupudu. A mmona kae Tsotsoje motho tota,e seng matlhogojane, yo go neng ga twe o ya go mo tlelwa? Nakokgolo ke eno.

Go ntse jalo, gongwe , mongwe a bo a ka botsa gore ka mohuhutso ke metsi, mme metsi a a nowa, dijo ke tsone di jewe, mohuhutso wa phatla one o jewa jang?Karabo e re mohuhutso wa phatla o jewa ka go ema ka dinao motho a dira ka natla go itshetsa. Re boele kwa morago re re go ja mohuhutso wa phatla go kaiwa go sale go thaegile nako ele fa Atame le Efa ba ntshiwa mo tshimong ya Edene. Go bonala fa mo tshimong ya Edene go ne go le dijo tsotlhe tse motho a ka di tlhokang mme Modimo wa ntsha taolo ya gore Atamo le Efa ba ka ja tseo tsotlhe kwa ntle fela ga setlhare sa kitso ya molemo le bosula. Ga nna jalo ba a ja tseo tsotlhe kwa ntle fela ga setlhare seo. Baebele e supa gore ga nna jalo. Ba a ja tseo tsotlhe kwa ntle fela ga setlhare sele se go neng ga twe ba se ka ba se ja mme botshelo jwa nna monate go se sepe se e tlaa reng ba tlaa se ja go bo go re ba eme ka dinao, ba tshware ka diatla, ba se itirele. Fa go ntse jalo, Motswana o tlaa re mo go bone, sengwe le sengwe mo go bone e ne e le relele fela; ke gore, botshelo bo le monate thata. Baebele e kaya gore fa go sa ntse go ntse jalo, Atame le Efa ba sa itse go ngakalalela sepe, kana go itirela sepe ka thata, dilo tsa fetoga. Baebele e supa gore, ka letsatsi lengwe ke leo, mmba e le noga a tsena mme a raela batho go ja setlhare se Modimo o neng o rile ba se ka ba se ja.Go ya ka Baebela, gone fa, ya bo e le fa dilo di fetogile ka batho ba tlodile taelo ya Modimo. Gare gat se dingwe Modimo wa raya Efa wa re o tlaa belega bana ka bohutsana. Atame ene a rewa gat we o tlaa ja dijo ka mohuhutso wa sefatlhogo sa gagwe. Gone fa, ya bo e le fa botshelo bo simolotse bo thatafetse. Gompieno, jaaka re bona, gore motho a tshele ke gore a eme ka dinao, a tshware ka diatla, a huhule, a dire sele le sele. Nako nngwe a kgone a dire se a neng a se batla. Ke seo a se dirise, se mo solegele molemo, a itumele, mme ke gone a re o e ija mohuhutso wa phatlha.

E le sekai a re re, a sena go batla go jewa ntsoma ke Dikgatlhego, Sekhutlo a ya go disa kwa ga Wapitse, e leng malomaagwe. Go ise go ye kgakala, a re tlhalose gore leina le, ga le reye mosimane, modisa, kana, mopalami wa pitse jaaka gongwe o ka akanya. Lone ke seane se se reng moetse wa pitse o jewa ke mmolai. Morago ga ngwaga tse tlhano a tlogela tiro mme malomaagwe a mo agela ntlo ke eo kwa gae kwa Leretlwaneng go mo tlhomola mitlwa jaaka a ne a ntse a sala dikgomo morago e le se ba neng ba se dumalanye. A e rata thata ntlo eo Sekhutlo. A tlhole mo go yone a robetse. E re ditsala di mmotsa gore a tlhola a robetse jaana, molato ke eng. A re ga go ope molato o a bo a robetse fela go ija mohuhutso wa phatla.Gape a re o e ija dithata. Go nne gone ka e rile a tlaa bona ntlo eo, a huhula, a dira ka thata, a disetsa malomaagwe. E se ka lepe, e le potso fela, wena o ija ofe mohuhutso wa phatla? Mme o ntse jang?