Naledi

Metsi a tlaa lekanyediwa � Mokaila

Badiri ba WUC ba baakanya mmithara
 
Badiri ba WUC ba baakanya mmithara

Se se builwe ke Tona wa Lephata la Meepo, Kgotetso le Metsi, Kgotletso Le Metsi, Kitso Mokaila fa a ne a buisa phuthego ya kgotla bosheng kwa motseng wa Gabane. Mokaila o ne a etetse banni ba motse oo go tsweledisa mesepele ya gagwe lefatshe ka bophara ya go lekodisana le setshaba ka seemo sa tlhaelo ya metsi le motlakase mo lefatsheng leno.

Mokaila o ne a tlhalosetsa banni kwa Gabane gore go na le mogopolo wa gore fa go ntse go ya pele,malwapa gongwe le dokgwebo di beelwe selekanyo se se rileng se go ka solofelwang gore se ka dirisiwa ka nako e rileng. A re se se ka nna le seabe mo go rotloetseng setshaba go dirisa metsi ka keletlhoko.

Tona o tsweletse a re gore go na gape le mogopolo wa gore go tsewe metsi a a dirisitsweng mme a tlhatsiwe go ka nowa. Mokaila a re se se a diragala mo mafatsheng a mangwe ebile ke mogopolo o botlhokwa wa go somarela metsi.

Megopolo ya ga Tona, le fa e ne e gakgamaditse bangwe, mme ba bangwe ba ne ba supa thata fa e siame ebile e ka thusa go tokafatsa seemo.Fela banni ba ne ba gatelela gore puso e itlwaetse go nna le morero o tseneletseng le setshaba,gore go seka ga nna go nna dingongorego tse dintsi mabapi le go isiwa ga ditlamelo kwa bathong.

Le fa gontse jalo, banni ba ne ba ngongorega ka ditlhwatlhwa tsa metsi tse di kwa godimo le fa a seo. Fa a araba, Mokaila o ne a re go na le madi mangwe a motho a solofelwang go a duela fa a gokeletswe metsi le fa a sa a dirisa. Karabo e e neng ya emisa kgotla ka dinao.

Mokaila o ne a re badirisi ba metsi ba solofelwa go duelwa madi a kanang ka P20 pele go ka balelwa a metsi a dirisitsweng.Banni ba ne ba supa ka bongwefela jwa pelo fa kgang ya go nna jalo e le lantlha ba e utlwa. Mongwe wa bagolwane ba motse Rre Mpolokwane Lesotlho, a re ntswa ba lebogela puso go ne e bua le bone ele setshaba,fela ga go a lekana.

Ke sone se Lesotlho a ne a re dikgang tsa go nna jaaka ya tuelo ya P20, di supa gore go nale dilo tse dintsi tse Batswana ba sa di itseng mme ba tshwanetse ba bo ba nna ka go di itsisiwe. Monana Tuelo Rankgomo, e ne o ne a re o ngongoregela tirisano mmogo magareng ga bone le badiri ba lephata la Water Utilities Coooperation(WUC) a re ga ba tshele metsi mo tanking ya motse ka nako. Fa a fetsa ka kgang ya tlhaelo ya metsi mo lefatsheng leno, Mokaila o ne a re batho ba gakologelwe gore ke santlha mo ditsong  matamo a Gaborone le Bokaa a kgala.

A re jaanong ba lebagane le kgwetlho ya go tsaa metsi kwa matamong a bokone a Letsibogo le Dikgatlhang. A re didiba tsa Masama le tsone di a thusa fa di kgonang teng.

Mopalamentse wa Kgaolo ya Gabane-Mankgodi Pius Mokgware o ne a lebogela Tona go bo a ne a tsile mo kgaolong ya gagwe go lekodisana le banni ka seemo sa metsi le motlakase.