Naledi

Banana ba ka itshetsa ka mae � Salakae

Noah Salakae
 
Noah Salakae

Salake o boleletse Naledi gore o ne a buisanya le mokhanselara wa toropo ya Gantsi Botlhaba, Bashi Thite, mabapi le go hirisetse banana setsha sa gagwe sa kgwebo ya dikoko, go re morago ba itshimolele kgwebo ya mae.

Salakae a re maikaelelo magolo ke go ntsha banana mo mekgwatlheng le go ba thusa go gore ba nyeletse lehuma le le gomagometsang matshelo a bone. Salakae a re Thite o dumetse gore banana ba dirise lefelo le la dikoko dikgwedi di le tharo basa duele sepe. Mme ere morago ga dikgwedi tseo ba simolole go duela.  Go ya ka Salakae, banana ba tlaa bo ba rua dikoko tsa mae aa tlaa rekisetswang setshaba ka go se a tlisetsa kwa malwapeng.

“Letlhoko la mebereko ke lone le nkgwetlhileng gore ke tle ka mogopolo o. Mme tota ke bona ka fa banana ba senang se ba itshetsang ka sone,” Salakae a tlhalosa jalo.

E ntse ele ka dikgang tse di amang banana, Salakae a re o ikaelela go thusa banana ba ba betlang makesi kwa Qabo go batla bareki kana mmaraka. A re mo nakong eno banana ga ba na kwa ba rekisang teng makesi fa ese fela kwa khanseleng ya Ghanzi. Qabo ke motsana o erileng ka 2013 ga tshwarelwa thutopuisanyo ya mananeo a nyeletso lehuma kwa go one.

Madirelo a go betla makesi kwa Qabo a simolodisitswe ka lenaneo la nyeletso lehuma.

Erile a itebaganya le seemo sa nnotagi kwa kgaolong ya gagwe, Salakae a re se ngomola pelo. O boletse fa seemo sa go iphitlisa dino mo bananeng ba toropo ya Gantsi se tshwenya fela thata. A re gaa kgatlhanong le bojalwa mme o bihela ka fa go nowang bojalwa phetelela ka teng ke banana.

 O tsweletse a re kgaolo e tshwana le Grootlaagte, e santse e mo tshwenya ka ga e na bogogi kgotsa boeteledipele jo bo tsepameng. A re banni ba motsana oo ba gogwa ka tsebe fela fa sengwe le sengwe ba se tewa mme ba dumalane le sone.  A re maikaelelo magolo a gagwe ke go leka bojotlhe go fetola seemo se.

A re go bolelwa fa go ne gona le menahune ya gore setsha sengwe se se sa dirisiweng kwa Grootlagte, sene se tshwanetse sa dirisiwa go lema morama mme go lebega thulaganyo e e koafetse mme Salakae a re o tla e latedisa le ba boemedi jwa lefatshe la Jeremane. “Setsha se se tlaa thusa thata gore thulaganyo e e hire batho ba eleng benggae mme le bone ba inamole lehuma.

Mabapi le kgang ya BMC ya go ikgagapelela mmaraka wa matlhabelo le thekiso ya nama, banni ba Gantsi ba kopile Salake gore e re palamente ee tlang a ntshe tshutiso ka kgang e.  Salakae o solofeditse gore o tlaa dira thomo ya banni ba kgaolo ya Gantsi fela jaaka ba eleditse. Tota mabapi le kgang ya BMC, a re ke sone se a se tlhophetsweng, go emela dikeletso tsa bone kwa palamenteng.