Naledi

Letagwa le sokologile

Tshuparelo a re bojalwa bo mo dirisitse phoso e tona a bo a lebanwa ke tsheko; ka jalo o tlogetse bojalwa gotlhelele e bile o tsere tshwetso ya go ineela mo Modimong  gore a tle a bone  poloko ya bosakhutleng.

Tshuparelo o ikanne jalo morago ga go bonwa molato ke lekgotla  la Setswana la Letlhakane, kgwedi eno e tlhola lesome le botlhano, mo tshekong e e neng e reeditswe  ke  kgosi Tikologo Supang, ka a ne a lebisitswe molato wa go tsena mo lelapeng la motho kwa ntle ga tetla kgatlhanong le temana ya bo 305 ya phenale khouti. Mosekisiwa  o ne a ipona molato  a bo a bolelela lekgotla gore o ne a nole bojalwa phetelela, mo a neng a felela  a sa itlhaloganye  a bo a iphitlhela a dirile molato ka ntlha ya jone botagwa. Go ya ka mabaka a tsheko e e neng e tsamaisiwa ke Constable Mogomotsi Pompi wa sepodisi sa Botswana, e rile mo bosigong jwa kgwedi ya lwetse e tlhola lesome le boraro, ga twe mosekisiwa, o ne a tsena mo lelapeng  la  ga mme Kelesitswe Gabaikanngwe yo ba sa itsaneng gotlhelele. Ga twe mosekisiwa o ne a tsena jalo mme a simolola go kokota le go batla go tsena mo ntlong e mongongoregi a neng a robetse mo teng a na le monna wa gagwe.

Ga twe mongongoregi le mogatse ba ne ba utlwa gore mongwe o batla go ba tlhasela mme ba tlhaba mokgosi. Ga twe mosekisiwa o ne a le botsa phokoje mme ka go tlhoka lesego mogala wa gagwe wa letheka o ne wa wela mo lelapeng leo fa ene a ne a kopa mangole go mo falotsa. Se se makaditseng lekgotla ke gore, ga twe mo go le le latelang, mosekisiwa o ne a boela kwa lelapeng  leo ka mabaka a go batla mogala wa gagwe wa letheka o o neng o wele fa a siya bosigo. Mo go beng ba lelapa seo e ne ya nna se go tweng  masego a ga Jehofa; ka bofefo ka thuso ya baagisanyi ba ne ba tshwara mosekisiwa ba bo ba leletsa mapodisi. A ne a tsibogela  seo mme monna yoo a lelelwake ditshiphi mme a felela a tlhagisitswe, mme a lebisiwa molato a bo  a  gogelwa kwa kgotleng  go o arabela. Mosekisiwa, yo e leng santlha a dira molato, o ne a ipobola mo lekgotleng  gore  le  se ka la mo isa kgolegelong ka o tlhokomela mmaagwe yo o godileng le ditlogolo.

O ne a opaopa diatla fa pele ga kgosi a tlhalosa gore o latlhile bojalwa e bile o ya go tsena kereke le fa a sa tlhalosa gore o ya go tsena e go tweng mang. Pele ga a ntsha katlholo, Kgosi Supang o boleletse mosekisiwa gore se a se dirileng se ne se ka felela se mmakela go dira molato o o fetang o kgotsa go golafadiwa ke beng ba lelapa leo. “Kana o modisa wa leruo ka tiro rra mme fa o le kwa morakeng ga go na kwa o bonang bojalwa teng o inwela mashi fela ka jalo go raya gore ga o a tlwaela bojalwa o tlwaetse lebese, ka jalo tswaa mo bojalweng o tsene  kereke  jaaka o bua,” ga bua kgosi Supang.

Kgosi Supang o ne a mo kgalemelela mokgwa oo a menne  phatla, a re fa a ka se ka a o itlhotlhora o tla di gama a sa di tlhapela.