Naledi

Monalebogole yo o Pelokgale � Solly Obert

Solly Obert
 
Solly Obert

Mabapi le tsa lolwapa, Solly ke ke ngwana wa boraro wa ga Rre Baudi le Mme Chawada Obert a tshotswe jalo a sa bone.  Obert, o na le bokgoni jo batho bale bantsi ba ba itekanetseng ba senang jone, mme a tshela jaana ele morutegi yoo ithutetseng a ba a falola sentle ka digarata tsa dithuto tsa go tsamaisa kgwebo (Business Management) kwa Limkonkwing kwa Gaborone, ka ngwaga wa 2014. O ipapanne gape ka setlankana sa moopelo le sa tlhokomelo ya dibuka tsa kgwebo le madi (bookkeeping and accounting), le sa bokwaledi, tse a di dirileng kwa sekolong sa banalebogole sa Pudulogong kwa Mochudi.  Solly gape ke seopedi, mokwadi wa dipolelo, morotloetsi le mokanoki wa merero ya kgwele ya dinao kana commentator ka sekgoa.

Go batlisisa thata ka botshelo jwa ga Solly, Naledi e ne ya mo etela kwa a direlang teng kwa khanseleng potlana ya Mahalapye, mme ya lemoga fa a direla kwa lephateng la taolo le tsamaiso  dikgwebo kana Commercial Department ka sekgoa, mme a dira jaana ele Assistant Commercial Officer. Le mororo e le motlhokapono, Solly ke ene a ikgatlhantshetsang baeng ba gagwe fela fa o kokota ka lebati la ofisi ya gagwe. “Setilo ke seo mme,” a rialo modirelapuso yo o tlhaga e bile a le boineelo, Solly Obert. Ya re go tlotleng ga gagwe, ntswa gone go sena bao ba ba tlhokang thuso ka nako ya potsolotso, Solly a boletse fa a tshotswe a siame fela le fa gone a ne a nne a tshwenngwe ke matlho fa a sale mmotlana. A re e ne yare a dira lokwalo la bosupa kwa sekolong se se botlana sa Phatsimo kwa Francistown, a latlhegelwa ke pono gotlhelele. “Ke gone ka simolola go tshela botshelo jo bo pharologanyo jwa botlhoka pono,” Obert a tlhalosa jalo ka lentswe le le bonolo.

“Go tswa bonnyeng jwa me, ke ne ke kgona go bona bosweu fela mme ke bo ke tsaya ese sepe ka jaana ke ne ke sale mmotlana ke sa itse sepe. Mme yare ke fetsa kwa sekolong se se botlana pono yame ya tsamaela ruri,” a rialo Solly.

Ere le ntswa Solly a sena pono jalo, o lebega a tshela botshelo fela jo bo ka tshelwang ke mang le mang yo o anang le pono. Solly a re mo bogompienong, o nna ale esi kwa ntlong ya badirelapuso ya khansele mme a re o kgona go itirela ditiro tsa letsatsi le le letsatsi tsa mo lapeng. A re gone lefa a nna a tlhoka thuso ka dinako dingwe mme ga a sokole mo go kalo. A re go inamola mo diemong tse di thata, o thapile mothusi kwa lapeng go nne a thuse fa a sa kgoneng teng.

Solly a re o setse a itse metsamamo ya gagwe mme seo se setse sele mo tlhaloganyong ya gagwe. O supile gore le mo Baebeleng tota go tlhalositswe fa bangwe bana le matlho mme basa bone.

Solly o matlhagatlhaga, mme seo se gatelelwa ke go bo a kile a direla seromamowa sa Yarona FM le kwa E-Botswana, mme a bega ka tsa kgwele ya dinao ka dingwaga tsa bo 2010 go fitlha ka 2014. O ne gape a dira ele mokwadi mo bukana ya Play On, e yone e sa tlholeng a rekisiwa.

Solly gape ke modiragatsi wa moopelo wa sekeresete e bile o se tse a na le dialebamo tse pedi. A re o gatisitse ya ntlha ka 2009 yone e bidiwang fela gotwe ‘Re Hauhele Ntate’. A re o thusitswe ke seopedi se se tumileng e bong Tebby. A re o ne a golola ya bobedi ka ngwaga wa 2012 mme a e bitsa a re ‘Ithemba le a Philisa’. Solly a re o itlhophetse go opela dipina tsa sekeresete ka jaana a dumela mo Modimong ebile a batla go gorosa lefoko la modimo kwa bathong ka moopelo.

Morwa Obert o fentse dietsele di le mmalwa jaaka a ne a tlhophiwa ka 2012 e le mongwe yoo diragatsang thata pilara ya go nna motho yoo pelotlhomogi ebile ale lorato.  Ya re ka 2013 a tlhophiwa ele moanamise yoo begileng thata ka ditiragalo tsa setlhopha sa kgwele ya dinao sa BDF X1, mme a neelwa tlotla eo ke Tautona Ian Khama. E ntse ele ka ngwaga oo, o ne a tlhophiwa ele mongwe wa baithuti ba ba lesome ba ba gaisitseng kwa sekolong sa Limkonkwing.  Ka 2014 a neelwa tlotla ya go iphesa ele monalebogole ke Lephata la Banana ebong Botswana National Youth Council (BNYC). Morago ga go neelwa tlotla eo, Solly a re o ne a gwetlhega mme ya re ngwaga oo, o ise o wele, a bopa mokgatlho go thusa banalebogole le bao ba batlhokileng lesego mo botshelong mme ao bitsa House of Love.

 Le fa gontse jalo, Solly a re banalebogole ba tshela ka dikgwetlho tsa go kgethololwa le go tseelwa kwa tlase. A re seo se tshwanetse sa ba nonotsha gore ba nne le boitsetsepelo. O supile gape fa bontsi ja banalebogole ba sa ikamogele. A re ke ka moo goleng thata gore setshaba se ba amogele.  Solly o kopile puso ya lefatshe leno go sireletsa banalebogole le go ba fa seriti. O lebogile thata mokwaledi wa pele wa khansele ya Mahalapye, Rre Mokgweetsi Moswete, go bo a ne a mo ema nokeng thata mme  e bile a dirile se a leng sone gompieno. A re Moswete ke ene a lemogileng bokgoni jwa gagwe mme a dira tsothe go mmatlela tiro mo khanseleng. Faa akgela mo kgannyeng e Moswete o ne a re o simolotse go itse Solly fa a ne a dira kwa khanseleng mme a santse a le mo dithutong. A  re go tswa mo puisanyong ya gagwe ya ntlha le Solly o ne a lemoga fa ele rre yo o nang le bokgoni le tebelopele. Moswete ke ene yoo bueleletseng Solly gore a felele a bona thotloetso ya ga goromente gore a kgone goya sekolong kwa Limkonkwing. Go solofetswe gore mo bogaufing Solly aye go tsweledisa dithuto tsa gagwe.