Naledi

Thabo o jelwe ke boferefere

Letebele, yo eleng mmereki wa kompone ya phepafatso e e bidiwang Cleaning Wizards kwa moepong wa Karowe mo Boteti, o ne a ntse disanyana jalo bosheng fa pele ga ga Kgosi Tikologo Supang wa kgotlakgolo ya Letlhakane mo tshekong e e neng e tsamaisiwa ke Constable Mogomotsi Pompi wa sepodisi sa Botswana. O ne a lebisitswe molato wa go itshwara makgwakgwa kgatlhanong le temana ya bo 1:6 ya phenalekhouti mo melaong ya Botswana.

Mosekisiwa o ne a lebisitswe molato wa go tshosetsa ka thipa mosetsana mongwe ebong Kedifentse Makwapa, yo a neng a ratana nae ka bogotswana ba tsietsa mmaagwe ngwana wa gagwe. Gatwe tiragalo eo ya  monna a tshosetsa moratiwa yo a tsietsang mmaagwe ngwana wa gagwe le ene e diragetse mo kgweding eno e tlhola lesome le bone. Mosekisiwa o ne a ipona molato ka bofefo mme lekgotla le lone la mmona molato fela jalo.

O ne a atlholwa go duela lekgolo la dipula pele ga malatsi a le lesome le bone a wela gosenneng jalo o tla ya kgolegelong dikgwedi tse tharo.

Pele ga Kgosi Supang a ntsha katlholo, mosekisiwa o ne a bolelela lekgotla ditiragalo tse di moro tsa boferefere jwa lorato lwa bone. Gatwe mongongoregi eleng Mme Kedifentse Makwapa ke ene yo o batlileng lorato mo go mosekisiwa kwa tshimologong mme Thabo a felela a mo dumetse. A re ba ne ba ratana mme ene mosekisiwa a itidimalela fela a sa bolelele mongongoregi gore o na le mmaagwe ngwana.

Fa ba ntse ba ratana jalo mongongoregi a lemoga gore mosekisiwa o na le mmaagwe ngwana. Ka jalo mongongoregi, Kedifentse Makwapa, maikutlo a gagwe a ne a fetoga. Gatwe o ne a simolola go nna dikgoka. Mme a nna a leletsa mmaagwe ngwana wa ga mosekisiwa ka bomo a mo tlhapatsa ebile a tshosetsa mosekisiwa ka mafoko a a bogale a re ga ba kitla ba kgaogana le fa go ka reng.

“Kana mosetsana yo o ne a nna a mpolelela gore ke ene fela yo o ka tsayang tshwetso ya go ntlhala eseng nna. O ne a nkgokgontsha,” ga bua jalo mosekisiwa.

Mosekisiwa a re o ne a leka bojotlhe go kgalemela mongongoregi mme ga pala. Ka jalo erile ka letsatsi la tiragalo o ne a palelwa ke go laola maikutlo mme a leka go mo itlhotlhora ka go mo tshosetsa ka thipa ya borotho. O ne a kopa lekgotla go mo itshwarele ka a na le bana ba le babedi ba a ba otlang.