Naledi

Mabole a ka tshetsa banana � Ngubula

Bond Nguluba
 
Bond Nguluba

Mo potsolotsong le Naledi bosheng, Ngubula a re ntswa go santse go na le tlhaelo ya ditlamelo,ga a na go tsenya tlhogo go fitlhela banana ba ba inaakantseng le motshameko wa mabole ba kgona go baya dijo mo tafoleng.

Ngubula o tsweletse ka gore, ga a sa tlhola a tsaya motshameko wa mabole jaaka tsela ya itloso bodutu mme jaanong a o tsaya jaaka kgwebo. Ramabole yoo wa pele, o setse a kgonne go rulaganya metshameko ya mabole a serodumo se se fa godimo mo lefatsheng leno. E bile go lebega a tla tswelela a rulaganya dintwa tse dingwe pele ga ngwaga ono o fela.

O tsweletse ka gore, ba bereka ka botswapelo le bana-le-seabe ba bangwe go bona gore kgetsi ya tsie ba ka e tshwaraganela jang ntswa ba lebaganwe ke dikgwetlho.

A re ba santse ba eletsa go ngokela dikgwebo mo motshamekong wa mabole go rotloetsa maiteko a bone le fa go santse go le thata ya lentswe.

Ngubula a re mabole a duelelwang a tlhoka boineelo le maikemisetso a kwa godimo. A re go tlhoka gore boramabole ba bo ele batho ba ba itsayang tsia.

A tswelela ka gore ramabole o tlhokana le gore mmele wa gagwe o bo ka nako tsotlhe o nna o le mo seemong se se itekanetseng.

A re ramabole o tshwanetse gape a bo a kgona go rekisega motlhofo ka moalo wa gagwe o montle wa dintwa.Ngubula a re o tshwanetse ya nna ngwao mo go ramabole go gapa ditlotla fa a eletsa gore mabole a ka mo tshetsa.

O tsweletse ka gore, fa ramabole a lwa bontle ebile a kgatlhisa,batho ba le bantsi ba mo sala morago mme go nne motlhofo go bona barotloetsi.O tladitse ka gore nako tse dingwe o etle a lalediwe go tsisa bangwe ba boramabole ba gagwe kwa mafatsheng a tlhabolodileng mme a utlwe botlhoko fa a sa kgone go fitlhela seo ka ntlha ya tlhaelo le letlhoko le ba lebaganweng ke lone.

O feditse ka gore,ele barotloetsi ba mabole mono gae,go na le ditshetla dingwe tse ba solofelwang go di sala morago.

A re katlego ya mabole e remeletse thata mo dintlheng tseo.

Dintlha tseo di akaretsa go tlhomamisa gore morotloetsi o na le madi a go duela boramabole pele ga motshameko. A re gape go tshwanetse go nne le ditumalano tse di mo mokwalong magareng ga bana-le-seabe.

Se sengwe ke tshireletso(Insurance) ya boramabole mo eleng gore ba gagwe o ba kopetse thulaganyo ya go nna jalo le ba Liberty Life.Ntlha ya bofelo e nna gone gore ditshetlana tsa botsogo le ditlamelo tse di tlhokafalang di nne gaufi go thusa boramabole.