Naledi

Rugby e segile tema � Joseph

Joseph a re go botlhokwa thata gore Motswana mongwe le mongwe a itse le gone go tlhaloganya sentle fa motshameko o wa Rugby e se wa basweu fela, mme e le wa motho mongwe le mongwe fela go sa kgathelesege letso, mmala, dithuto, maemo kgotsa le fa e le khumo ya gagwe. A re lekgotla la gagwe le amogela mongwe le mongwe go tsena mo go lone, e le motsamaisi, mokatisi le motshameki tota, bogolo jang ka e se motshameko ope fela o o dingalo go ithutiwa.

O boletse gore o itumela thata go bona Batswana ba tsweletse ka go inaakanya le Rugby, ba supa gore dipuo tse bangwe ba di dirisang kgotsa ba di bua tsa gore ke motshameko wa basweu ga se boammaaruri, ebile di sena boleng le maikarabelo ape. O ne a itsise gape gore ditlhopha tsa motshameko o, di dirwa ke Batswana ba ba itseng se ba se batla, le go supa lorato la bone mo go one, a re o laletsa botlhe ba ba eletsang go tsena mo go one go itshwaraganya le bone.

Joseph, o tsweletse a bolela fa lekgotla la Rugby la Botswana, le na le thulaganyo e e tsepameng ya go isa motshamekong o kwa baneng ka tota e le bone ba tshwanetseng go o itse ba sa le ba botlana go re ba gole ba o itse, eseng go itse motshameko wa kgwele ya dinao fela. Gore ba kgone se, Joseph a re ba simolodisitse lenaneo la Re Ba Bona Ha le eleng lone ba le dirisang go tshwara bana ba ise ba taboge le metshameko e mengwe, a tlatsa ka gore dikole di le mmalwa tse di potlana le tse dikgolwane di na le ditlhopha tsa motshameko wa Rugby.

Go rurifatsa kgolo e ya Rugby mo lefatsheng la Botswana, Joseph a re motshameko o, o setse o gaseme le lefatshe lotlhe la Botswana, go akaretsa le kwa mafelong kgotsa dikgaolo tse di kgakala le ditoropo, a re se ke bosupi fela jo go senang ope yo o kareng ga a bo bone.

Le fa barutabana ba bangwe ba setse ba rutilwe motshameko o, le gone go o tsamaisa, Joseph a re fa gongwe dikgwetlho e nna fa barutabana bangwe ba a tle ba kgorelerse maiteko a bone fa ba santse ba gogana le puso kgotsa lephata la thuto mabapi le go duelelwa go katisa baithuti kwa dikoleng. A re dipharologanyo tse tsa puso le barutabana di ka siama, metshameko go akaretsa le Rugby e ka gola thata, mme go tswelelwe go ntshiwe dinaletsana kwa dikoleng.

O ne a bolela fa maduo a lekgotla la gagwe a setse a bonwa le ke mongwe le mongwe, ka lefatshe la Botswana le na le ditlhopha tsa Rugby tse di tshamekang mo liking, e e setseng le yone e le thata ka ditlhopha di nna fela di mekamekana go gwetlha bosimega.

A re le setlhopha sa setshaba se se tona sa Rugby Manong(The Vultures) se teng, le sone fela jalo se kgona go mekamekana le mekaloba ya mafatshe a sele.