Naledi

Go dira sentle ga se dietsele

A re bana ba, ba tshwanetse go itse gore go kgona go bona phatlha kwa dikgaisanong ke katlego fela e Batswana ba tshwanetseng go e itumelela.

Fa a bua kwa moletlong wa go amogela setlhopha se se neng se ile go emela lefatshe la Botswana kwa Congo, Brazzaville, tautona Khama o gateletse botlhokwa jwa gore Batswana ba tlhaloganye fa bana ba, ba dira ka thata le lorato go emela lefatshe la bone. A re ke seo tota go sa tshwanelang gore mongwe le mongwe a seka a baya bana mo kgatelelong ka go soofela gore ba tle ka dietsele, ka dikgaisano tse di se bonolo jaaka bangwe ba ka gopola.

 Khama o ne a bua gore fa bana ba ba kgonne go ya go tsaya karolo ke phitlhelelo e ntle thata, a re ga gona ope yo o ka reng ga a bone se, a tlatsa ka gore mme le bone batshameki go ya ka go farologana ga metshameko ya bone, ba nna fela ba emela lefatshe la Botswana sentle. A ba kopa gore a e re ba ya kwa dikgaisanong ba seka ba ipaya mo kgatelelong epe ya gore ba tshwanetse go fenya dietsele go boela gae ba kgabile ka tsone, ka a dumela gore gauta ke gone tsaya karolo ga bone.

Fa a itebaganya le dietsele tse ba di fentseng, Khama o boletse fa a itumetse thata go bona batshameki ba itshwere sentle ka setho kwa mafatsheng a ba neng ba ile kwa go one, a bua fa dietsele tse ba di fentseng tse, e le ka go bo ba ne ba itse se ba se etseng teng. A tswelela a re dietsele tse go akaretsa le tsone tsa gauta di supa sentle fa Batswana le bone e le tshaba e e nang le bokgoni mo metshamekong e tshwana le Bolibolo, go thuma, mabole le go tlola.

Le fa bangwe btshameki bas a kgona go gapa dietsele, Khama o boletse fa ba tshwanetse go gakologelwa gore ba ne ba ile kwa e le ditlhopha tsa lefatshe la Botswana, eseng mongwe le mongwe a ile go ikemela ka nosi, eleng seo le bone ba tshwanetseng go itumelela le go ipelela katlhego ya dietsele tse. A kopa gore a ope a seka a ikobonya ka palo e e kwa tlase ya dietsele, ka tota lefatshe lengwe le lengwe le ipaakanyetsa dikgaisanong, mme phenyo e seke e nnela ruri.

Monnasetilo wa lekgotla la Botswana le le tlhokometseng metshameko, Solly Reikeletseng o ne a bolela fa ba le motlotlo thata ka ditlhopha tsa Botswana, a re batshameki ba ke bone dikgantshwane tsa Batswana, mme ba goroga jaana ka maduo a a itumedisang. A tswelela a ba kopa go dira ka natla gore ba nne ba phaphasedise fologa ya lefatshe la bone mo dikgaisanong ka go farologana ga tsone.