Blogs

Motswana a re go na le go jela

A e re gompieno re lebelele ka fa Motswana a natefisang Setswana ka teng ka go dirisa lefoko ‘go jela.’ Ka manatetshapuo a lefoko le a mantsi ga re ke re bue ka one otlhe. Re tlaa tlopola fela mme re tlogele mogopo o ntse o le foo.

Motswana o a tle a re go na le go jela tlase. Go jela tlase mo, go a bo go raya eng? Ka go jela tlase mo, motho o a bo a raya gore o imelwa ke botshelo. Motho o a bo a raya gore, ga a je, ga a tshele ka fa a eletsang kgotsa a ratang ka teng.  A re tseye sekai re re, Morwadi o dikile a lemile mme a solofela go bona thobo e e nametsang.

Fa dijwalo di sa ntse di le mo masimo, thaga ke eo ya tla ya somola mabele ale a gagwe, mme a felela a dule fela a sa roba sepe. Ka gone gore ga a roba sepe, botshelo bo a mo thatafalela; bo a mo imela. Bana ga ba na se ba se jang, le ene ga a kgone go dira ditiro tsa lwapa la gagwe sentle.  Fa seemo se ntse jaana, ke gone Motswana a tlaa reng, motho o jela tlase. O a ja mme ga se ga sepe, le ditiro tsa gagwe ga di tswelele ka fa a batlang ka teng.

Go na gape le go jela tlhakeng.  Fela jaaka re itse, Motswana o tshedile ka temo. Mo malatsing a maloba, go ne go le thata gore motho o ka bona dijo, kgotsa a dira sepe fela kwa ntle ga temo.  Nako nngwe go ne go ka direga gore e re mabele a sa ntse a le mo masimo, motho a patikege a tseye/adime dilo dingwe fale le fale, mme a solofetse go duela a sena go roba. Go dira jaana go ne go twe motho o tsaya mogwang. A re tseye sekai re re, Morwadi o batla nkgo ya go beela metsi. O tsaya nkgo e mo go Obopile mme o solofetsa go tla a duela a sena go roba. Setswana se re Morwadi o tsere Obopile mogwang

Motho mongwe o ne a ka nna botlhale, a tsaya mogwang a itekanya; a tseye mo a ka kgonang go go duela. A dire jalo a duele a  kgone. Yo mongwe ene o ne a ka tsaya mo gontsi mme e re kwa morago a iphitlhele a duetse ka  bontsi jwa thobo ya gagwe, ene a sa salelwa ke sepe se se kalo. Motho wa go nna jaana, ke ene yo Setswana se tlaa reng o jetse (jela) tlhakeng. O jele thobo ya gagwe le go roba a ise a robe.

Mo malatsing a gompieno re tshela ka dikoloto. Re reka dilwana ka madi a re se nang nao. Ka re mo ditirong, re duelwa kgwedi le kgwedi, tumalano e nne gore re tlaa duela dilwana tseo kgwedi e fela. Bangwe ba a tle ba nne botlhale ba tseye mo go lekanyeng gore ba ka go duela mme ba bangwe bone ba iphitise morwalo, ba tseye dilwana tsa madi a mantsi thata. E re kgwedi e fela, madi a motho a a amogelang, a felele fela mo go dueleng dilwana tsele.  Motswana a nne a re motho wa go nna jaana o jela tlhakeng. O dirisa madi le go amogela a ise a a amogele.

Seane sengwe sa Setswana sone se re, ‘Mmopi o jela mo lophegwaneng.’ Gongwe pele ga re tlhalosa seane se, mongwe o ka botsa gore lophegwana lone ke eng, le gore lone lefoko le, le tswa kae.

Lefoko ‘lophegwana’ le tswa mo go lophego. Lophekgo lone ke eng? Lophekgo ke selo se se thubegileng; selo se se ketlogileng. Mafoko a, ke mangwe a mafoko a Setswana sa maloba se se sa tlholeng se utlwala ampo se dirisiwa thata. Gompieno  boemong jwa gore re re lophegwana ra re leketlo; re re selo se ketlogile. Seane sone se raya eng? Seane se se raya gore, modiri (motho yo o itseng tiro nngwe) ga a ke a itirela sepe se sentle, jaaka a direla batho ba bangwe, ka thata o a bo a lebile papadi. Boemong jwa go itirela bontle, o lwela go direla ba bangwe ka o a bo a batla gore ba mo duele a tlatse kgetse.

Re tlaa lemoga gore mo seaneng se, lophegwana go rewa selo se se maswe; selo  se se sa rategeng. Motho yo o bopang  dinkgwana, o ka bopela batho dinkgwana tse dintle tse di kgatlhang mongwe le mongwe yo o di bonang, fa ene a nwela mo go tse di maswe, tse di maketlo, di thubegille. Moagi le ene o ka tlatsa matlo a mantle mo motseng mo, mme kwa ga gagwe gone bontle boo bo se yo. A jele mo lophegwaneng mme e le moag tota, tiro a e itse. Wena o jela mo go eng?