Blogs

A re go ja eng? (15)

Ka ao mafoko a raya gore sengwe le sengwe se na le nakoya go fela.Ke leno le gorogile la gore mosepele wa rona wago ja…o wela. Go wela, re kopane le go ja motho ka loleme go raya go solofetsa motho, go modirela sengwe mme o felele o sa dira sepe seo, o mo tsieditse.

Go betlela go ja motho ka loleme tselaa re re kgaolo ya lehatana e newa, kgotsa, e ratwa ke pula thata fa dikgaolo tse dingwe gaufi le yone, tsone di sa newe ke pula epe ee kalo. Go ntse jalo. E re Setswana se re moroka (ngaka ya pula) o sita ka leru bale bone ba re moroka o bonwa kwa lehatana e le fela ka gore koo pula e ntsi thata. Mme motlha mongwe oo seemo sa fetoga. Ga feta dingwaga di le tlhano kgaolo ya lehatana e wetswe ke leuba go sena pula. Balemi ba goga kathata.Mogoma o ka tlhaba jang go omeletse? Peo le yone ya mela jang go sena bokgola bope go e huhutsa?. Ga nna thata. Barui le bone ba thatafalelwa ke botshelo naga e le tshetlha go sena phulo. Fela jalo, metsi le one a se yo, dinwelo tsotlhe di ngangabetse. Botshelo jotlhe jwa nna thata.Mme fela batho ba ikgomotsaka la Motswana le le reng tsholofelo ya pelo ga e tlhabise ditlhong. Ba re le ba wetse leuba mme ngwaga mongwe e tlaa tla pula.

Mme fela jaaka Motswana a re ngwaga ga o rakwe ke o mongwe, gannajalo. Ngwaga mongwe ke oo, ya tla pula, ya ruthagana, naga ya boela yanna yone.Bojang jwa tlhoga, tsa hula tsa kgora.Ka ntlha e nngwe dinoka tsa ela, matamo, megobe, ga tlala tsa nwa tsa kgora.Ka ketse o di a hula, di a nwa, di a kgora, dia gangwa dikgamelo di tlale masi a nne mantsi.

Mongwe wa barui ba Lehatana ke monna ke yoo ka seemo o tshabile monyo, ke mmala o mosetlhana, leina o bidiwa Sampa. E le eng seo? E le seboba se Motswana a reng o bata sa mokwatla sa mpa o a mpampetsa. E re a tlhalosa seane se a re motho babalela wa sika lwagago; ke gore, yo o gaufi le wena. O selega o re sepe ka ene. E re a fetela pele a re fa seboba se ka go loma mo mokwatleng o tlaa tiisa le bogogonuwe o bo o se bolaye. A fetele pele a re mme fa se ka go loma mo mpeng, o tla a neneketsa e se re gongwe wa tloga wa utlwisa mala, kgotsa, mpa botlhoko. Mme a re fete eo, re re Sampa o sale a thibeletse mo lehatana ebile lesaka la gagwe le setse le itshetletse. Lesaka le,le fa tlase ga tsela ya Lehatana le. Ntswe la dipeba mme godisa mosimane Tiegelo.Ka ntlha e nngwe ya tsela go moraka  wa ga Bakgaletswe one o le mosha go thibelela, mme go disa mosimane Diboetse. Rragwe a re di kile tsa fela mme ketse o di boetse mo Sakeng. Jaanong re setse re bonye gore ke lele la feta leuba la dingwaga tsele mme lefatshe la boela la runa.Tsa hula, tsaa nwa, tsa kgora, tsa nona, tsa tsala, maraka a tlala masi a nna mantsi.

Jaanong letsatsi lengwe ke leo, Diboetse a tswa, a tlola tsela, a ya kwa go Tiegelo. Fela jaaka gale, lefoko la ntlha ya nna dumela rra le la telwake go botsanya matsogo. Morago ga ao, Diboetse a bolelela Tatlhegelo gore o na le mogopolo mongwe mme o batla gore banne fatshe ba o lebalebe mmogo. Tiegelo a botsa gore mogopolo oo, ke ofe. Diboetse a araba ka gore ka dikgomo di a sisa, mashi a mantsi, o akantse gore ba dire madila. A fetela pele a re le ntswa Motswana a re moraka ga o gamele o mongwe, a raya gore motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tshela ka se e leng sa gagwe, ene ga a dumalane le mafoko ao ka fa bakayanao, ba ka tloga ba latlhana. Gone fa Tiegelo a botsa gore ba se latlhane, keba dire jang? Diboetse a araba ka gore ba reetse la Motswana le le reng mabogo dinku a aa thebana ka gore ba ka bolokana. Go utlwa a, Tiegelo a bona e le one mafoko a go reediwa.

Go utlwa sentle a botsa gore mme a bone mabogo a tlaabo a thebana jang. Diboetse a araba ka gore ka dikgomo ketse di a sisa mogopolo wa gagwe ke gore ba dire madila batlogele go nwa lebese fela jaaka e kete ke dinamane. Tiegelo a botsa tsala gore a one madila o itse go a dira, gape a tlaabo a direlwa mo go eng. Diboetse a arabaka gore ene o setse a na le makaka a mabedi mme ka gore lesaka la gagwe le segamo se kwa tlase, Tiegelo a game a mo neele ene a tshele makaka ka one o na nao. Tiegelo a botsa gore mme one madila ba tlaa dira eng ka one. Diboetse a re batla a dira fela jaaka go dirwa ka mashi. Ba je madila, ba apeye, ba bo ba a rekise go leka go dira ditiro tse dingwe. Tiegelo a bona seo e le mogopolo mme a simolola go ganela Diboetse. Aa tlhatlhela madila Diboetse mma o kile a a bona kae Tiegelo? E bo ele gone fa a jelwe ka leleme.