Blogs

A re go ja eng? (16)

Mme le fa namane ya yone e anywa, e anywe e kgore, e tloge e karagane. Jaanong e ne ya re maloba ra re mosepele wa  o moleeleele ole wa  go ja… o a wela. Re sena go bua jalo, sengwe sa rothegela mme ra bona o sa ntse o ka ya pele. Go ntse jalo, re re, mosepele o, o tshwana le kgomo e le segamo. Gone fa, a re re Diboetse o a anywa o anywa kgomo morokotso. O morokotso jaaka re bona ke wa kgomo, masi a a tswang morago  ga kgomo e sena go gangwa e seng wa dipolokelo tsa madi o e reng o botsa bana ba malatsi ano gore morokotso ke eng, ba  re ke interest. Nnyaa, rona ga re bue ka oo. Re bua ka o e tlaa reng Diboetse a sena go gama Sekaletletse a o anywe. Gone fa, gongwe o re, ka ke foo re ne ra boela morago go tla go anywa morokotso, oo wa rona ke ofe? Re re wa mosepele wa rona morokotso ke sekapuo se se reng go ja bothitho. Gongwe o re jone bothitho e le eng? Go go araba re okomele Thanodi mme e re bothitho ke seemo sa go se serame. Gape e re ke bololo. Re dumalane le Thanodi re re go ntse jalo. Re sa itse gore a wena o tlaa dumalana le rona.

Go le jalo, gongwe e nngwe potso e bo e ka  botsa gore bothitho bo jewa jang. Karabo e re bothitho bo jewa ka ditsela tse di farologanyeng. Motho o ka ja bothitho ka a apere diaparo tse di bothitho jaaka baki, jase, kobo, go ithibela go tsenwa ke serame, kana, go sitwa. E re yoo a apere jalo, yo mongwe a apere mo gontsi e ntse e le fela go ithibela go sitwa, Gape motho a je bothitho ka o mo, fa lefelong le le bothitho jaaka fa isong, kana, fa tlase ga molelo. A le foo, ka ga a babalelwe ke serame, a re o ja bothitho, mme go nne gone. A tlhe Titielo a utlwe Tatlhegelo a bua jalo, a re o ja bothitho mme a kope gore a mo nathele. O tlaa dira jang?

Godimo ga tseo, batho bangwe ba re e re ba tlaa bo ja bothitho go bo go le serame, kana, e le yone paka ya mariga mme ba ya go robala ba kgotshe. Bao re e tlaa re maitsebowa ka nako ya dilalelo, ba tlhoafale ba je, mpa e bo e ngamoge, e tswe ditshika. Ba re e tlaa re maitsebowa, go jewa dilalelo, ba tiise ba je go bo go bonale gore tseo dijo di ne di tsholetswe go jewa e seng go kgabisa megotswana. Ba fetele pele ba re ba jele go le kalokalo, mpa e tlaa lala e tuka molelo mme ba bo je bothitho, ba bo je boroko. Ka ba ne ba kgotshe mpa e tuka molelo.

Re fete tseo re gogele pele mme re re, tsie e fofa ka moswang, pelesa e belesa ka mpa, e Setswana se raya gore motho o dira ka natla le ka botswerere fa a jele a kgotshe. Jalo he, e ne ya re, la maabane le ise le tlhabe a bo a setse a tsogile Mpilwana a tlabatlaba a baakanyetsa go apaya gore a tle a bone sengwe sa go tshegetsa mala, a se tlhole a kuakuetsa ka legaba. Ga nna jalo, a apaya, a ja.

A sena go ja, ke yoo a tswa ka kgoro a leba ga Pudulele. A goroga kwa, a fitlhela tsala ya gagwe Uhubala. Gone foo, Mpilwana a kopa tsala gore ba eme fale ba bue. Ga nna jalo. Mpilwana a bolelela Uhubala gore kwa ga bone di tlhasetse dinonyane jaanong o tsile go kopa gore a ye go mo thusa ba lete mmogo.

Kgang ya se ka ya ya gope kgakala. Uhubala a amogela kopo ya tsala. Gone foo, ba bo ba bile ba tswa mmogo. Ba goroga Mpilwana a rolela mmaagwe mosepele. A itumela thata Seopana a bona fa gompieno Mpilwana e le motho e seng yole wa go tlhola a phethekga a a ja maroko fela. Mafoko a sena go wela ba tswa banyana ba ya go tlhola kwa tshimomg ba kuaketsa pina e le ya gale ya phoi, phoi, maeba:maeba phoi mme e sa opelelwe maeba fela e opelelwa dinonyane tshotlhe mo tshimong le thaga e le mo go tsone. Ya bo e ntse e ipolela thaga gore yone ga e fofele lefela, e bula tema, e a tswa, e a tsamaya, ga e dumalane le kgang ya gore moletathaga o ja nayo. 

 Fa le lebile go ya go wela, ke di jele di kgotshe dinonyane mme tsa tswa tsa ya le naga. Ya bo e le fa e wetse tiro mme banyana le bone ba boela lwapeng. Ba tsena koo, le fa letsapa le ne le le kalo, ba itlhaganelela go baakanyetsa phiriimane. Ga gotsiwa, ga apewa, ga jewa. Go sena go jewa ba nna foo ba sidila letsapa, ke gore ba itapolosa. Mme ba bo ba se nosi, ba le foo le mmabone go mo lekodisa gore tiro e tlhotse e tsamaile jang.

Go utwa fa tot aba ne ba dira ba tiile moko, a itumela thata a bona gore la gompieno e ne e se la go tlhola ba a ja maroko fela. Maitiso a feta ga ya  go robalwa. Wa bo o ne o gotsitswe molelo, o beleditswe matswere. Ntlo ya lala e duma. Ba bo ja bothitho, ba bo ja boroko. Ba lala ba sa se utlwa gope serame sa Mmadithotse. Ke oo re o amule morokotso.