Naledi

Serodumo sa ga Tshekedi Khama

Tshekedi
 
Tshekedi

Kgosi Tshekedi o tsholetswe kwa Serowe ka kgwedi ya Lwetse ele lesome le bosupa ka ngwaga wa 1905, mme a simolola sekole kwa Serowe Public go simolola ka ngwaga wa 1912 go fitlha ka 1916. Morago a tsweledisa dithuto tsa gagwe kwa Lovedale ka 1917 go fitlha ka 1921. Tshekedi o ne a ya go tsena sekolo se segolwane sa batho bantsho kwa Kapa Botlhaba kwa Aferika Borwa, ka ngwaga wa 1923 go fitlha ka 1925.

Kgosi Tshekedi o ne a seka a wetsa dithuto tsa gagwe tse di kgolwane tsa mmadikolo mme a boela gae morago ga go tlhokafala ga ga mogolowe eleng Sekgoma Khama (II), rraagwe Seretse Khama.  Pitso ka morafe wa Gammangwato gore Tshekedi a nne motshwarelela kgosi, e ne e tla jaana ka go bo Seretse a ne a santse a le monnye go ka busa. O ne ale dingwaga di nne fa rraagwe a tlhokafala. Mme ka jalo, rangwanaagwe a mo tshwarelela. Kgosi Tshekedi o tshegeditse maemo ao go simolola ka ngwaga wa 1926 go fitlha ka 1946.

Kwa moletlong o wa go ipelela botshelo jwa ga Tshekedi, Batswana ba ne ba utlwa ka botshelo le ditiro tsa gagwe mme go ya ka Tautona Khama, Kgosi Tshekedi o ne a nna le seabe se segolo sa go simolodisiwa ga Khansele ya badiramelao (Legislative Council). Mo go buseng ga gagwe, Kgosi Tshekedi o ne a gotlhagotlhana gangwe le gape le baemedi ba mmuso wa ga Mmamosadinyana le balaodi ba nako eo, dingwe tsa dikgang tse di neng tsa mo tumisa, mo Aferika le kwa moseja.

Go ya ka polelo ya ga Ewetse Khama, e e kwadilweng mo lokwalo-dikgannyeng lwa Peolwane monongwaga, Kgosi Tshekedi e ne ele senatla mo babusing ba Aferika, ele molemi-morui wa popota e bile ele segatlhamelamasisi. Ewetse o kaile Tshekedi jaaka rangwanaatsone yo a neng a tshwarelela e bile ele motlhokomedi wa bogosi jwa ga Mmangwato yoo boineelo mme e bile a ne a tsamaisa tonto Tautona wa pele wa lefatshe leno, Sir Seretse Khama. Tshekedi o nnile Motshwarelela Kgosi ka bonana ale dingwaga di masome a mabedi le bongwe (21), selo se bangwe baneng ba se tlhobaela mme a kgona go dira tiro ya gagwe ka bonokopila a sa boife sepe.

Serodumo sa ga Kgosi Tshekedi se ne sa ya magoletsa fa a simolola go inaakanya le dikgang tsa sepolotiki mme gape a le tlhaga mo go tshereganyeng dikgotlhang mo borwa jwa Aferika, pele ga di ka rarabololwa ke makgotla a ditsheko mono gae kana kwa moseja. O ne a ngoka kemonokeng kwa moseja go hema seemo sa gore mafatshe a Bechuanaland, Swaziland le Basutoland a akarediwe mo lefatsheng le le neng le tletse tlhaolele la Aferika Borwa. O ne a thusa gape gore lefatshe la Borwa Bophirima jwa Aferika kana Namibia, le gololesege mme mo dingwageng tse di latelang le tseye boipuso mo go la Aferika Borwa ka ngwaga wa 1990. Patlisiso ka Diana Wylie. 

Go intsha setlhabelo ga ga Kgosi Tshekedi mo go phuaganyeng dithuto tsa gagwe kwa mmadikolo, ke sekao sa gagwe sa maikemisetso a go tshegetsa serodumo sa bogosi jwa ga Mmangwato le go bopaganya morafe wa Bangwato o o neng o setse o aperwe ke makgamu. Bangwe ba baganetsi ba gagwe baretelelwa mme bangwe ba ya lejwa, fa bangwe ba itshoga seemo mabapi le merero ya puso. A ke mafoko balaodi ba nako eo ba ga mmamosadinyana, ba kaya fa bangwe ba ne ba nyoretswe boswa jwa bogosi, ka go tlhatlagana ga malwapa a a nyalelanang.

Mme tsotlhe tse, Kgosi Tshekedi o ne a itepatepanya le tsone ntswa le lefatshe la Botswana le ne le tlhoka neelano ya beng ba lone gore merafe yotlhe e thusane go le tlhabolola, bogolosegolo jaaka leuba le lehuma a ne apare lefatshe leno.  Ntle le dikgalo le go kgobotliwa, Kgosi Tshekedi o ne a ikanya Modimo go lwantsha dikgwetlho tse. Ya goroga nako, mokaloba a koafala, mme a romelwa moseja bongakeng, mme a tlhokafalela teng ka Seetebosigo a le lesome ka ngwaga wa 1959 ale dingwaga dile masome a matlhano le botlhano (54). O ne a nyetse Bagakgametse Moloi ka 1936 mme morago a nyala mosadi wa bobedi Ella Moshoela ka Phatwe ka 1938 kwa Mahikeng. Mme ba segofadiwa ka bana bale batlhano, eleng Leapetswe, Sekgoma, Semane, Modiri le Mphoeng. Mo baneng ba, go santse go tshela Sekgoma le Semane eleng kgaitsadie.