Blogs

Ke ofe yo o tlhaelang?

Fa di ntse di bo tsaya jalo, ke Thulare le ene a ya le leretlwa, a a ja moretlwa, ka le one o ne o se kana ka sepe. Nnyaa, a tlhola a iketlile e bile e kete ga a disa. Fa a sena go nna a ja fale, le fale,  a utlwa e kete letsapanyana le tlaa mo tlela. A bona monato o o moriti monate ke ole a ikhutsa fa go one. Le fa di ne di sa hulele gope kgakala, tsone le tsone ka nako e, di ne di setse di ngotlile mosepele, dingwe di bile di bothile. Fa a utlwa gore jaanong letsapa lele le dule, a kgalema, a itaya molodi. Tsa bo di setse di mo utlwile. Tsa tswa tsa leba mogobe wa Dikhujwana, e kubakuba kwa pele ga tsone kgomo e tshetlhana Gogalepai.

Ka le one o ne o se gope kgakala, go ise go e kae, ke di gorogile koo. Le one tsa a tabola, dingwe e kete le go boa ga di  na go tlhola di a boela gape.  Fa di tlhatloga tsa boa tsa ikgata motlhala, tsa feta ka poana, tsa ralala lenato. Fa di fologela ka kwa, ke di goroga mo morakeng. Ba tla basimane, ya feta ya lela kgamelo. Fela jaaka Motswana a rile e sisa e hudile, dikgamelo tsa phophoma, di sa sisa di a rwele mashi. Ya bo e ntse e le teng kgomo e e mashi a monate Bengbatsone. Ya di tshela dikgamelo mme ya sala e ntse e a rwele.  A o ka e lesa Thulare?  Fa a sena go gama, a neela namane gore e rokotse mme ga tloga ga anywa ene. Fa di sena go ata, tsa bolola go ya go bo tsaya gape pele ga le phirima.

E ne e rile mo mosong fa Thulare a ya go disa, Theledi le basimane ba bangwe ba ya go tlhola digole tse ba neng ba letse ba di thaile. Ba fitlhela lesego le ba wetse. Mo segoleng se sengwe go ne go tshwerwe mmutla, se sengwe se tshwere ntlole.  Ba itumela basimane, ba itse gore letsatsi leo, mashi ga a ke a nne nosi, a tlaa patwa ke sengwe; letswainyana.

Fa ba tsena kwa morakeng, ga feta ga buiwa, ga apewa, ga swaiwa, ga tloga ga jewa nama e e monate thata. Mme ka ba ne ba setse ba jele sengwe mo mosong, ya bo e se go ja ga sepe. Tota fa go jewa ntlole, se se neng se batlwa, e ne e le letswainyana fela go natefisa legano. Ole mmutla o ne o beetswe fale go tla o swaiwa maitseboa. Fa ka kwa ntlole a swaiwa, one ke o pegilwe mo mosetlheng o o gaufi le leiso. Wa tlhola foo o itewa ke phefo.

Maitseboa ka nako ya maitiso, ga rongwa Theledi go tla ka one gore ke one o tle o nne dilalelo. A ya fa mmutla o neng o kaleditswe teng Theledi go ya go o pagolola. Fa a le foo, a tlhaeletsa Thibedi go tla go mo thusa, a re mmutla o a mo tlhaela. Ga tsoga kgang. Thibedi a botsa gore, fa Theledi a re mmutla o a mo tlhaela, o raya jang. A boa a mmotsa gore go tlhaela go raya eng mme Theledi a araba ka gore ga a kgone go fitlha kwa kaleng e mmutla o pegiweng  mo go yone; a re kala eo e kwa godimo thata.

Gone foo Thibedi a fetola ka gore, ka Theledi ke ene a sa kgoneng go fitlha kwa mmutla o leng teng, o ka bo a sa re mmutla o a mo tlhaela, o ka bo a re, ene ke ene a tlhaelang mmutla. Thibedi a re, boemong jwa gore Theledi a re,’ Mmutla o a ntlhaela,’ o ka bo a re, ‘Ke tlhaela mmutla,’ a raya gore ga a kgone go fitlha kwa mmutla o leng teng, ga a kgone go o tshwara. Thibedi a tswelela a re fa Theledi a re mmutla o a m o tlhaela, o bua jaaka e kete mmutla ke one o batlang go mo tshwara, e seng ene Theledi go tshwara mmutla.

Ya nna kgang. Bangwe basimane ba dumalana le Theledi ba re o bua sentle, go buiwa jalo ka Setswana. Ba bangwe bone ba gana ba re Theledi ga a bue sentle; ba re, le fa ka Setswana go buiwa jalo, ga go a tlhamala. Ba re yo o batlang go pagolola sengwe, mme se le kwa godimo thata, a sa kgone go se tshwara, o tshwanetse gore a re o tlhaela selo  seo, e seng gore, sone se a mo tlhaela. Wena o tlaa re mo dilong tse pedi tse, ke ofe yo o tlhaelang? Yo o pagololang kana se se pagololwang? motshwanes@yahoo.com