Blogs

A re go tsaya eng? (1)

E le oo, o wetse, wa bo o re buletse tsela, phatlha, go nna re tswela pele go utlwa gore o nne a se natetsha jang Setswana Motswana mme gompieno re utlwa a re go na le go tsaya tshwetso. Gone fa, potso e bo e ka tla mme ya re, tshwetso eo, e le eng, e bile e tsewa kae, gape e tsewa jang? Karabo e re, e tsewa ka go akanya thata. Re re, motlha mongwe, motho o ka batla go dira sengwe.

E le sekai, motlhamongwe, motho o ka batla go dira sengwe. Gone foo, motho yoo a tlelwe ke dipotso, dikakanyo, tse dintsi, kana megopolo e mentsi. Tse tsotlhe e le gore sone seo ke eng.  Gape fa motho a se dira, o tlaa se dira jang, a se direla kae mme se felele se mo solegela molemo jang, kana, se mo siamele, se mo thuse, jang. 

Gone fa , boemong jwa go botsa gore selo seo se ka thusa jang kana se ka nna molemo jang, Motswana a botse gore a ke selo se ka nowa moro; ke gore a ke selo se ka thusa sa mo isa golo gongwe sa mo tokafaletsa botshelo. Mong wa kgang a arabe ka fa ene a bonang ka teng. Fa mogopolo o ntse o ya kwa, le kwa, ke gore o akanya ka dipotso tsele, gape o mo tlele ka dikarabo dingwe mme a bone e le dikarabo tsa go reediwa, ke gore tse di molemo, tsa nnete. Go ntse jalo, a felele a batla go dira jaaka mogopolo o mo raya mme e nne gone fa a tsaya, a tsere tshwetso, ka kgang eo.

 Go gogela pele, le go tla ka sekai, re re e ne ya re re ntse re ya le dithota, letsatsi lengwe ke lele, ra feta ka Gapalakhudu mme koo ra kopana le monna mongwe ke yoo o bidiwa Kgabutle. Fela jaaka maina mangwe a re tle re kopane le one, leina le le lone ke seane mme sa re, Kgabutle ga fete gabo a re ga go jewe.

E re Motswana a tlhalosa a re legae la motho go sa re sepe gore le ntse jang, kana, le seemo se maswe jang, ga le bifelwe. Bangwe ba bue Sekgowa ba re be it ever so humble, there is no place like home. E nne nnete. Fela jaaka mo dikgaolong tse dingwe bontsi jwa batho kwa Gapalakhudu ke barui. Bangwe ba ruile dikgomo, bangwe dihutshane, mme Kgabutle e le mongwe wa barui ba dihutshane. A di rata, a di tlhokomela, tsa mo rata, tsa ata. Sebe sa phiri ya nna gore gaufi le Gapalakhudu kwa Bophirima go sekgwa sa Leokana. Fa go ntse go tsweletse phiri a tla, a thibelela foo, mme a simolola go letsa leino a senyetsa batho.

Maabane ke tseo tsa ga Kgabutle tsa goroga mme di se mmogo. Pholo e nala le e phatshwa ele, tsa bo di se yo. Go itse ka fa di neng di tiile, di bile di lwa ka teng. Kgabutle a dumela fela gore o fetile ka tsone phiri ka phokoje ene o ne a ka se ka a di atamela. Go bona seo, a huduega maikutlo, a kgarakgatsha mogolopo Kgabutle a ipotsa gore o ka dira jang go babalela loruo lwa gagwe e se re gongwe a tloga a sala a iphotlhere a senyeditswe, a faladitswe, ke dibatana, phiri le phokoje.

Fa a ntse a akanya mogopolo ke oo, wa tla wa re ka kgomo e jewa ke dibatana tse ditona e leng tau, nkwe, letlhalerwa, a ntshe lesaka lotlhe a rekise mme a simolole go rua kgomo. O mongwe ke oo, mogopolo wa re, jalo o tlaa a bo a ikimetsa morwalo o a ka se ke a o kgone ka kgomo e ja thata, e nwa thata, mme e tsamaye thata go feta podi.

 Mogopolo wa tswelela wa supa gore godimo ga tseo, kgomo ga e bogadi bo gaufi jaaka podi ka yone e nna dingwaga pele ga e ka tsala fa podi yone e a re e digela ngwaga e bo e bile e tsala gongwe e bile e tsala mafatlha fa ka kgomo go seke go nna jalo. Ka mabaka a, Kgabutle a bona a tlaa tlhoboga kgomo ka e ka nna morwalo o o bokete thata mo go ene. Fa a ntse a tsweletse a akanya, a gakologelwa gore go na le lefelo ke leo le bidiwa Dikgagana.

A akanya go hudugela koo. Mme e ntse e le ene, a tshoga a akanya gore ka ke dikgana koo, go dilo dintsi tse di senyang. Le go ntse jalo a felela a tlogetse mogopolo wa go hudugela koo. Go bona tsele tsotlhe di le thata ga tla o mongwe mogopolo wa re a age lesaka le le tona le le tiileng mme dipodi di robale moo, di jele moo, di nwele moo, di se bolole go twe di ya go hula, kgotsa, go nwa ka gore fa go ka dirwa jalo, di ka tloga tsa ya go felela nageng. A feletsa go akanya ka mogopolo o wa go aga lesaka ka a ne a bona e le one mogopolo tota ke gore o ka mo thusa wa mo isa pele. Ya bo e le gone fa a tsaya, a tsere, tshwetso Kgabutle.