Naledi

Neelano ya ga Tshekedi le Seretse

Tautona Seretse Khama le mohumagadi Ruth le bana, Ian le Jacquline
 
Tautona Seretse Khama le mohumagadi Ruth le bana, Ian le Jacquline

Khama o buile se ka Matlhatso aa sa tswang go feta, kwa Pilikwe, jaaka morafe wa Bangwato le merafe e mengwe ka go farologana, go balelwa le Baherero go tswa Namibia le Mahalapye, ba ne ba ipelela botshelo le ditiro tsa ga Kgosi Tshekedi Khama.

Le fa go ntse jalo, Tautona Khama a re go sa utlwana ga ga rangwanaagwe le rraagwe, go ne ga rarabologa ka bobedi joo bo ne jwa neelana, mme a bolela fa dipharologanyo tsa bone e se tsone tse di neng tsa baka gore Kgosi Tshekedi a ye lejwa kwa Pilikwe.

Tautona Khama a re ditso di tlhalosa ka go farologana ditiro tsa ga Kgosi Tshekedi mme go botlhokwa gore Batswana ba ele tlhoko dingwe tsa ditiro tse Kgosi Tshekedi a neng a di dira jaaka ka tsa go bereka le dikgosi tse dingwe go netefatsa gore lefatshe leno ga le nne bontlhabongwe jwa mmuso wa maloba wa Aferika Borwa. Khama a re Tshekedi o itsege gape ka go thusa merafe e mengwe ya Aferika go lwela kgololesego. “Rangwane o kailwe e ne ele motho yo o sa boeleng mafoko a gagwe morago fa a diragatsa molao, mme fa godimo ga se, a rata ngwao, selo se a neng a se dira ka go bereka ke lelwapa la bogosi kwa Serowe,” Khama a tlhalosa jalo.   

Moletlo oo ne o tsenwe ke kgosikgolo ya Baherero go tswa kwa Namibia, Vekuii Rukoro.