Naledi

Kgosi ya Oodi ga e tsalwe

Gaofengwe Semela... senepe: Teichler Rankoa
 
Gaofengwe Semela... senepe: Teichler Rankoa

Ka kgang ya bogosi jwa Oodi e ntse e tsena mo kgotleng, ebile e setse e kile ya tlogela Kgosi Segale Linchwe ka leupa mo sefatlhegong morago ga go kobiwa le go sa amogelweng mo kgotleng ya Oodi ke booraSemele, a bolela fa ba tsaya kgato, ebile ba kwaletse mookamela dikgotla tsa Setswana. Kgosi Segale o ne a ikgatile motlhala gape ka Mosupologo.

Mo go lone loeto le la gagwe, Mokgatla yo o tlang a patilwe ke Kgosi Montshioa Mabudisa, o tlhalosa fa puso e batla go kaba phatlha e e atlhameng morago ga go bulwa ke Kgosi Molebatsi Semele, e e amang ditiro tsa lekgotla le morafe wa Oodi. Puo e booraSemele ba sa batleng e ka tsena ka ditsebe tsa bone, ka e ba thuba meropa ya ditsebe, ya gore bogosi jwa motse wa Oodi ga bo tsalelwe ya utlwala gape. Mme jaanong e sa buiwe ke Kgosi Segale Linchwe. Jaanong e tla e tswa kwa toropokgolo.

Jaaka fela go ne go solofetswe, erile go bolelwa fa mokwalo go tswa kwa Gaborone o bolela fa bogosi jwa Oodi bo sa tsalelwe, Batlokwa booraSemele ba bolela fa ba sa amogele se gotlhelele. Ba bolela fa ba setse ba ikuetse kwa go Tona Slumber Tsogwane go lela sa mahutsana mo go ene.

Dibui ka go farologana di ne tsa dumalana le mafoko a a reng bogosi jwa Oodi ga bo tsalelwe. Ba ne ba tlhalosa gore le ene Kgosi Molebatsi Semele o ne a tsene ka tlhopho mo setilong se. Mme Satsopa Motlhatlhedi a re ene o ne a le mo lesakeng la kgotla go tlhopha kgosi ka ngwaga eo. Bangwe ba bolela fa go ne go a tle go romelwe motho kgotsa kgosi go tla go tshwarelela mo setilong sa bogosi sa Oodi, se e le go supa sentle gore go tswa kgakala go ntse go sena kgosi ya matsalo.

Go bonala sentle gore tota jaanong kgang ke ya ntwa ya booraSemele, ya gore tota kgosi ke mang fa gare ga ga Masego le Gaofenngwe. Kgang e jaanong e aperwe ke e nngwe gape ya gore mongwe le mongwe o ka nna kgosi ya motse wa Oodi. Ka jaanong letsalo la setilo se e tla a nna tlhopho mo maineng a a tla a bong a supile kgatlhego ya go tsogela kwa mapakong moso le moso.

Lekoko la ga Pogiso Maakwe, Batlokwa Semele le Thito Semele ba di goga kwa pele ka mokwalo o o tla a supang sentle gore bone e le booraSemele ga ba amogele gotlhelele mafoko a gore ga ba a tsalelwa bogosi jwa Oodi. Mabapi le mosepele o wa bone go ragogela kwa go tona, Kgosi Montshioa Mabudisa o ne a kopa Kgosi Segale go ba naya sebaka sa go dira jalo. A re e tla a re ba boa teng ba ba fitlhele kwa Mochudi Se se tla morago ga loso la ga Kgosi Molebatsi Semele dingwaga di le pedi tse fetileng, mme sekaku sa phunyega ka sebudu fa booraSemele ba ne ba tsena mo tlung ya bone go batla mojaboswa. Mme ya re go tswa ka (mojako) kusene ba bolela fa e le morwa Molebatsi Semele, ebong Masego Semele. Se mme ga bonala fa morafe o sa se amogele ka jaanong go ne ga boa ga utlwala fa mojaboswa e le Gaofenngwe Semele, ka gotwe ke ene tota yo o ntseng a lebanwe ke setilo le fa go busa moswi Kgosi Molebatsi Semele. Dintwa tsa ntlo ya kgosing tsa kukela, ntlo ya kgosing ya peperetla jaaka okare e rathilwe ke legadima. Ga tsenwa mo kgotleng kgapetsakgapetsa, fela maduo ya nna one ale a ntlha, a go duwang go sa rarabololwa sepe, fa ese go thatafaletsa kgang pele. Motho a bo a ka re marara a raraanela pele.