Naledi

Bogodu jwa motlhaba bo a tshwenya

A re bontsi jwa batho bao ke batswakwa mme ebile ba dikgoka fela thata. A re ba kotsi mo ba tsamayang ka didirisiwa tse di borai mo matshelong a bone. Manthe a re le fa ba bona batho ba go nna jalo ele baeteledipele ba motse, ba re ba ba lemotsha gore se ba se dirang ga se tsamaiso ba ba tshosetsa matshelo.

A re matshelo a bone a mo diphatseng ka ntlha ya batho ba. O ne a tswelela ka gore ebile ba latlhela le dilo tse di borai mo metsweding e ba rorang metlhaba mo go yone. Manthe a re se se diphatsa mo banning ba motse wa bone le metsi aa fitlhelwang mo metsweding e go tsewang metlhaba mo go yone. Manthe a re leruo la bone le lone le mo diphatseng ka magodu a motlhaba ba o utswa ka dipalo tse di kwa godimo.

E rile Tona Mokaila aa kgwa modulasetilo wa VDC dikgaba, a papamala ka gore diteseletso tsa go epa motlhaba mo borwa ja lefatshe leno di sale di emisitswe ka sebakanyana.

Mokaila a re fa ele gore gona le bangwe ba ba epang motlhaba ba tlola molao. O ne a gatelela gore ba dira bogodu jo baeteledipele ba motse ba tshwanetseng gore ba itshwaraganye le sepodise go lepalepana le seemo seo.