Naledi

Ncube o abela Black Pool Paka

 

Mo mafokong a gagwe, mokhanselara Ncube o boletse fa motshameko o le botlhokwa thata mo botshelong jwa motho yo mongwe le mongwe, a re ke seo a boneng go le botlhokwa thata gore jaaka mokhanselara a rwale maikarabelo a go thusa banana go tswelela le go tsaya karolo mo metshamekong. A gatelela gore batshameki le batsadi ba tshwanetse go tlhaloga fa metshameko jaanong e sa tlhole e le go itlosa bolutu fela, mme gape e setse e le tiro fela e e berekwang ka tuelo.

Ncube a re fa batshameki, ba eleng banana ba le mo metshamekong go ya ka ditlhopha tsa bone ka go farologana, mo motseng wa Matebele, go botlhokwa thata gore ba newe kemonokeng e e maleba gore ba seka ba tloga ba felela ba kgobega marapo. A re thotloetso e tshwanetse go dirwa ke batsadi le boradikgwebo gammogo le mongwe le mongwe fela yo o nang le sepe go ka thusa, a itsise gore ga go tlhokege gore motho e bo e le ramdimadi go thusa bana ba.

Mabapi le mpho e ya gagwe ya paka, mokhanselara Ncube o boletse fa a dira jaana morago ga go bona lorato le tlhwaafalelo motshameko wa kgwele ya dinao ga setlhopha se se Master Black Pool, mme a bona go le botlhokwa thata gore le ene e le mokhanselara a thuse. Ke seo a neng a bona gore a ba rekele paka go ba rotloetsa go ya pele ka a itse fa boitumelo jwa batshameki bo tla a ba tiisa moko fa ba le mo lebaleng, go tloga fela kwa ikatisong le go tsena mo metshamekong ya liki.

O ne a tlhalosa gore ka ditlhopha di le pedi mo kgaolwaneng ya gagwe ya botlhophi, e leng Black Heroes le Master Black Pool, ene ke wa Matebele a mantsho, eleng Heroes, mme se se ka se mo thibele go thusa Black Pool ka a itse fa e thusa thata go ntsha bana mo mekgwatlheng le mekgwa epe fela e e sa amogelesegeng. A gatelela gore a paka e e seka ya nna go kgaba fela, le go lelelwa ke moretlwa kwa lebaleng, mme ka boammaaruri e nne yone e ba tsisetsang diphenyo.

Mo godimo gap aka e ya mokhanselara, Ncube o ne gape a aba paka e e nngwe a bolela ga e tswa kwa go tautona wa lefatshe la Botswana ,Lt General Ian Khama, a reng le yone e ntse ke maiteko a ga tautona a go rotloetsa metshameko.

Paka go boletswe fa e ne ya rwalelwa ditlhako ke mme Nnese Dorah Kenosi go leba kwa go tautona go e kopela setlhopha se, a re go lebogwe tautona fela thata mo thusong e ya gagwe.

Kgosana Lucas Mangwa o ne a leboga thata mokhanselara mangwa, a re ke go thusa thata fa setlhopha se sokologang kgotsa go tlhaela teng, a bolela fa metshameko e ntsha banana mo ditaging, bogolo jang bojalwa, jo a kopileng batshameki go ikgapha mo go bone mme ba tseye ditalente tsa bone ka tlhwaafalo.

Mokatisi David Lekgetho le ene o ne a bolela fa dithuso di tshwana le tse di le botlhokwa thata, a solofetsa fa setlhopha se tla a seke se swabisa mokhanselara gammogo le batsadi.