Naledi

Astley Gops a re Tima Lebon

Astley Gops
 
Astley Gops

Pina e e opelwa ke bobedi jwa ga Astley Gops le mogaka wa Motswako ebong Noelo.  Fa a bua le Naledi maabane mabapi le alebamo e, Rathobane jaaka a tlwaelesegile go bidiwa ke barati le balatedi ba mmino mono gae le kwa Aferika Borwa o boletse fa pina e Tima Lebone e le pina ya lorato, mme e diritswe batho ba le babedi ba ba ratanang lorato la o ka a swan ka go ja. Le e reng batho ba teng ba bonwa ba le mmogo gotwe hee ka re lo a tuka lorato la bone.

Lorato le e reng yo mongwe phefo e phailela pampiri mo dinaong tsa gagwe, moratiwa wa gagwe a mo utlwele botlhoko a re e ratile go mo roba, a nna a re sori beibi, a gatelela gore pina e e ka dirisiwa ke batho ba Inthsitse diautu go ya go nwa dinwa maphoi mmogo ka nako ya go robala ga dikoko.

A re pina e ya go tiisa marato a baratani ka tlhwaafalo, ka e re Tima Lebone o tshube dikerese lorato le tuke, e tlhagisitswe ke moeka Astley Gops ka sebele, ya gatisiwa ke Uncle Touch kwa Touch Records, ya tlhotlhiwa ke Tiboz Ledwaba go tswa Aferika Borwa. Ke alebamo ya ga Astley Gops ya bosupa fa a sa le a tsena mo mminong o wa Afro Pop. Astley Gops a re pina e gololwa jaana go tlaleletsa tsa gagwe tse di melelo jaaka Sebakanayana, Ausie Maggie, Marulelo le tse dingwe tse barati le balatedi ba mmino wa gagwe ba mo ratang thata ka ntlha ya tsone. A bolela fa pina e tla a simolodisiwa semmuso kwa Mafikeng, Aferika Borwa mo bogaufing, ebile e tla a isiwa kwa Batswaneng ka loeto la alebamo ya Kgatso tsa Me go ralala lefatshe la Botswana.