Naledi

Lesego Kgajwane o abetswe leboko

Lesego Kgajwane
 
Lesego Kgajwane

Batsenamoletlo ba ne ba amogelwa ke kgosi ya motse, Kgosi Osca Mosielele, yo o neng a supa fa motse wa bone o le lesego ka jaana ele lantlha o nna le mothusa tautona, a bo a akgola gore Lesego e bo e le mogasi wa ntlha go abelwa seetsele mo motsing. E rile a tlhalosa maikaeleo a tiro, morago ga kamogelo ya baeng, Kgosi Kgari Sechele a bolela fa motse wa Molepolole e le motse o o humileng poko, mme a lemogile fa poko ya Basimane-ba-Mokwena e somarela ngwao. Kgosi o ne a supa fa poko ya bone e gapile pelo ya gagwe. Ka jalo a bolela fa a ikemiseditse go ba rotloetsa mo ditirong tsa bone. Mmabatho o ne a tlhalosetsa Baga Mmanaana fa poko ya basimane ba Mokwena, e ba itshetsang ka yone e kile ya dira gore ba abelwe dikgomo ke botautona ba pele, a bo a ba kopela thotloetso le gore Bakgatla ba ba amogele. E rile a a kgwa tiro dikgaba, Mothusa Tautona a galaletsa baboki ka gore, “ke a le akgola borre ba Bakwena. Mokwena o tlile go abela Mokgatla”.  Mothusa Tautona o ne a akgola kagiso e e mo Botswana a re ga e akolwe motlhofo ke mafatshe mangwe mo Aferika. Mothusa Tautona o ile a akgola mo go haphegileng, Lesego Kgajwane, a supa fa kabelo ya leboko e le sesupo sa gore o na le kgogedi e bile o senatla. Motlotlegi Masisi o ne a rotloetsa batsenamoletlo go meletsa mathe tiragalo e ka a tlhalositse fa gantsi mpho ya leboko e lebaganngwa dikgosi. “Lo nne dinatla lo tle lo direlwe jaana”, a kgothatsa morafe jalo.

Tiro e e lebega e ne ya kuka pelo ya ga Lesego Kgajwane mo a bileng a rothisa keledi ya boitumelo. Lesego yo o dirang mo seromamoweng sa Botswana (RB1), o gasitse dithulaganyo di akaretsa , “Inola,  Tsa Bommaetsho, Dikgang tsa Palamente, Ditlhabololo, Dipina le Maboko, Lesego le Mosalagae, le tse dingwe tse di gaisiwang go lebilwe tiragalo”

Fa a fiwa sebaka sa go bua Lesego o ne a itlhophela go bua ka ditemana fela are, “Ke ka tshwaro ya Modimo go bo ke filwe mpho e. Ke dumela gore Modimo o santse a tla tlisa tse dikgolo. Ba ba mo ikanyang ba fofela kwa godimo jaaka bontsu ba bagolo. Re ka tswa re itse mananeo a rona, kante Modimo ene o itse lenaneo la gagwe.”

Lesego o boletse fa e rile Dipako Sesienyane a tla kwa go ene ka mogopolo wa leboko a ne a tshoga thata. Mme a leboga fa go bonala gore tiro e diregile sentle. O tlhalositse gore tiro  ya gagwe o e kgona ka bodiredi jwa seromamowa go bereka bo le mmogo. Go supa se bagasi ba akaretsa Kesaobaka Kooreng, Neo Lenkopane, Lesego Mohutsiwa, Henry Seetso, Last Rakgasa, Mike Kaote ba bo ba le fa gare ga matshwititshwiti go etleetsa modirikabone.

Modiri wa pele wa seromamowa, Mogatusi Kwapa, le ene o ne a tsena moletlo oo a patile bomonnawe.

Mpho ya leboko le le kwadilweng ka seesemane le Setswana, e ne e pataganye le ya kereke ya ga Lesego e le yone e neng e ipelela mophuthegi wa yone. Sesienyane yo  e neng e le morulaganyimogolo moletlo oo, o ne a bua ka fa poko e mo diretse ka teng. O tlhalositse fa poko e mo file dimpho di akaretsa dikgomo go tswa kwa go Tautona Masire, Tautona Khama le Mothusa Tautona Masisi. O boletse fa a kwadile leboko la ga Tautona mme a eletsa le ka rekwa thata ke diofisi tsa bodirelapuso.