Blogs

A re go tsaya eng? (2)

Gone fa, gongwe dipotso di bo di ka tla ka go latelana di botsa gore kgato eo, ke eng, e tsewa kae, gape, e tsewa jang. Go araba potso ya gore kgato ke eng, re atamele Thanodi go re thusa mme yone e re kgato ke tshwetso ya mogopolo.

Gongwe o fetele pele o botse gore e le tshwetso ya mogoolo jang? Karabo e re motho o a tle a batle go dira sengwe mme a ise a nne le mogopolo wa tlhomamo gore tota se a batlang go se dira seo ke eng mme a simolole go akanya thata ka sone, a tlelwe ke megopolo e mentsi, dikakanyo tse dintsi, ka sone.  Dingwe tsa dipotso gongwe megopolo e e mo tlelang e ka nna gore tota sone se a batlang go se dira seo ke eng, gape, o se dira kae. Mme go se ke go felele foo.

Ka mogopolo ga o ise o wele, ke gore,  motho o sa ntse a tsweletse a akanya, dingwe tsa dipotso tse di mo tlelang mo mogopolong, di o kgarakgatsha, di o isa kwa le kwa, e nne gore mme sone selo seo, o se dira leng, o se dira jang, kae.   Gape, nngwe ya dipotso fa motho a ntse a akanya, mogopolo o ntse o ya kwa le kwa, a a ja tlhogo, e bo e ka nna gore a mme sone seo, motho o ka kgona go se dira a le nosi kgotsa o tlaa batla mongwe go mo thusa. Mme go nne go se ke go felele foo.  E nngwe potso e nne gore ene motho yoo e ka nna mang? Mogopolo o mo tlele ka mongwe mme gongwe a  bone yoo e le motho tota a ka mo thusa. Jaanong gare ga megopolo e mentsi ele, le tsone dikakanyo tse dintsi tsele, motho a felele a wela golo gongwe.

Ke gore motho a felele a bona megopolo mengwe, e ka mo thusa, ya mo totobisa, ya mo tokafaletsa botshelo mme a ye nayo. 

Ke gore a batle go dira jaaka  megopolo eo e mo raya; Kana jaaka dikakanyo tsele di mo raya. Gape, gone fa, go bo go ka twe a dire jaaka a ne a ntse a akanya mme a sa sale megopolo eo yotlhe, kana, dikakanyo tsele tsothe, morago, a inotse go le gongwefela fela mo go tseo.  Motho a dirile jalo, ke gone go twe o tsere tshwetso.

E nne tshwetso ka gore motho o ne a  akanya thata, megopolo ya nna mentsi. Dikakanyo le tsone, tsa nna dintsi mme  a felela a tla kwa bokhutlong jwa gone go akanya moo.  Go ntse jaana, Motswana a re motho o tsere tshwetso. Mme go tsaya tshwetso mo, go latelwe ke go tsaya kgato.

Ka re utlwile gore kgato  ke eng  jaanong go tlaa a re re gogele pele go utlwa gore kgato e tsewa jang.

Gone fa re re, kgato e tsewa ka go dira se mogopolo o neng o ntse o kgarakgatshega ka sone o batla go se dira.  Go tsaya sekai, re boele morago re re, re kgaoganye le Kgabutle a huduegile maikutlo le mogopolo ka o ne a tshwenngwa ke dibatana, phiri le phokoje, di mo jela dipodi.

Seemo e le seo, a huduega maikutlo, a faretlhega mogopolo, a ipotsa gore o ka dira jang go babalela leruo la gagwe e se re gongwe a tloga a sala a le motho fela, a se na (e seng sena) sepe.  Ya mo tlela megopolo.  Mongwe mogopolo wa re a tlogele podi a rue kgomo ka yone ga e jewe ke phiri le phokoje e jewa ke letlhalerwa, nkwe, le tau, dibatana tse ditona tse di bogale thata. A akantse go tlogela podi, a rue kgomo.

O mongwe wa tla mogopolo wa tlhobosa kgomo. Kgang ya nna gore kgomo e ka mo imela thata go feta podi ka ga e bogadi bo gaufi. Ke gore e bonya go kokotlediwa ka ga e itlhaganele go tsala jaaka podi. Gape, ga e ke e tsala mafatlha.

Godimo ga tse, e ja bobe, e nwa bobe e tsamaya bobe, go feta podi.  E tlole melelwana, e utlwalelwe kgakala fa podi yone e ka ya le naga fela fa e utswile. Go ntse jaana, a bona go rua kgomo e se mogopolo wa sepe, e tlaa bo e le go ikemetsa morwalo fela le go ithatafaletsa botshelo.

Oo, o padile mogopolo a akanya go tshabela kwa Dikgagana mme le gone ga nna ga pala a akanya gore o ka ya go senyediwa ke dilo koo ka ke dikgagana. Mme go se dilo dipe koo, seo, e le leina fela.

Mme fela, a tlogela oo mogopolo a tlelwa ke gore a age lesaka le le tona, le le thata, mme dilo tsa gagwe di nne fela moo di se bolole.  O, a bona e le one mogopolo mme a dira jalo. A dirile jalo, e bo e le gone fa a tsere kgato ka mogopolo tota ole. Fa dilo, di ka tsamaya sentle a itumele.

Mme fa di ka tsaya tsela e sele, ke gore, ga se ka ga nna jaaka a batla, a hutsafale a bo a felele a re o ne a latlhwa ke mogopolo.