Naledi

Kgakgamosi ya Selebi � Phikwe

James Molosankwe
 
James Molosankwe

Le fa go ntse jalo, Phikwe ke toropo e e tswang goolowe go ngangisanwa ka go nna ga moepo ga yone. Mme tota kgangkgolo ele mosi le metsi a a tswang mo go one. Kgang yaabo ele ka fa mosi o, o amang beng ba metse e e mabapi le tikologong ya mokoti o jaaka ya Mmadinare, Robelela, Tobane, masimo a phokoje, le metse e mengwe fela jalo. Ga bo go buiwa gape le ka metsi gotwe one ke a a dirisiwang go tlhatswa kopore mme a bulelwe go tshologela mo metsweding e e elelelang ntlheng ya dinoka di tshwana le ya Motloutse.

Ngongorego ka mosi ke gore o ama tikologo, mme yone e ame ditlhare le dijwalo. Se se  ame thata batho mo makgwafong, dinkong le matlhong. Metsi one gatwe a tswelelela kwa metsweding e e nosang leruo mme a ame tikologo le diphologolo. Mme felo le a fetileng teng go ame phulo. Mme metsi a retelele diphologolo go a nwa. Ere fa gona le dingwe tse di a nwang di koafale.

Go setse go le dingwaga di ka feta borataro baithuti, baitsaanape le babegadikgang ba batlisisa ka seemo sa tikologo ya toropo ya Phikwe le metse e e mabapi, mabapi le ditswamokoting o wa BCL.   Dipotso tse di botswang gangwe le gape ke gore bokamoso jwa mokoti o ke bofe. Jwa babereki ba one go botswa ka jone. Tota dipotso di lebagantswe  le bokamoso jwa tikologo dimela le ditshedi tsotlhe tsa kgaolo e. Bontsi  jwa dingongorego tsotlhe ka mokoti wa BCL di senola matshwenyego ka motswako mongwe o o bidiwang sulphur dioxide, o e reng fa lentswe (kopore le nikele) e epiwa mme e apewe, go thunye mosi o o tswelang mo lewaping mme o kgotlele tikologo le go ama botsogo jwa batho.

Potso e e kwa setlhoweng ke ya gore ke mang yo o hemang mosi o go fetisa o mongwe?

 Go lebega e le batho ba metse e e boletsweng ka e lebagane thata le kwa mosi o fokwang ke phefo ka teng. Mosi o o fokela gantsi go tswa kwa botlhaba mme o lebe bophirima, mme fa gongwe o retologe o lebe borwa.

“Dipego le dipatlisiso ka go farolopgana di tlhalosa fa bontsi jwa batho ba feletse kwa kokelong ya ga goromente ya Selebi -

Phiwe ka malwetse a makgwafo,” ga

tlhalosa jalo modulasetilo wa khuduthamaga ya bogakolodi jwa

ditlhabololo tsa motse wa Mmadinare, Rre Keoganetse Marumo, jaaka a ne a buisa batsenaphuthego ya banaleseabe ya makgotla a dikereke (BCC) kwa Selebi Phikwe bosheng.

Marumo a re menko e e bogale e utlwala thata fa mokoti o bolotsa mosi.  Mme o ame matlho le mantshwatshwa le makgwafo a baagi ba metse e e mabapi. A re motse wa Mmadinare o nna o babalelwa thata ka o le kwa bontsi jwa phefo bo yang teng. Baagi ba re go

gotlhega ga lefatshe le metsi a a mo tikologong di ba tshwentse.

Le fa go ntse jalo, Marumo a re ba setse ba kopantse maboko ka go tla ka maano a go lwantsha seemo se. Mme e bile ba setse ba dirile maiteko a le mmalwa go ikopanya le makalana a a maleba a goromente le bogogo jwa mokoti wa Phikwe.

“Re setse re bona mmu o eleng bontlhabongwe jwa go tlhatswa ga kopore mo tikologong ya metse le mo mahudisong a rona.

Kepo ya kopore le nikele kwa Selebi Phikwe e simologile ka ngwaga wa 1973.  Mme ya re go ntse jalo ga tlamega gore go tlhatswe kopore le pitsa e e apayang ditswammung tse mme se se dirwa jalo go dirisiwa mmu le metsi  a a kafa tlase ga lefatshe. Mme morago metsi a a tswang kwa pheletsong a aname le melapo e e gaufi le tikologo jaaka ya Motloutse le Nkgobotwane go ya kwa Tobane.

E re ntswa borai jwa tikologo e bo ntse jaana, ga

gona tshekatsheko epe ee kileng ya dirwa ke

babatlisisi ba ba ikemetseng ka nosi ka seemo se.

Naledi e kgonne go phunyeletsa patlisiso nngwe ka G. Ekosse, D.D. Van Den Heever, L. dE Jagger, le O. Totolo ya Phukwi 2013. Yone e tlhalosa fa ditekeletso di dirilwe mo mmung nne ga fitlhelwa motswako o o bidiwang Djurleite. Mme one ele monko oo amang dinko le Cuprite e e amang tikologo fa fatshe jaaka metsi le dijwalo le dimela. Gatwe le tsone dikhi tota di ka amiwa ke metswako e. Tota le ditlhare mme seemo se se dire gore dikala le matlhare di seka tsa hema sentle (Ekosse et al. 2003)

Le fa go ntse jalo, mo puisanyong le mogolwane wa BCL wa ipapatso le kanamisomafoko a kompone, James Molosankwe, nako e e fetileng, a re komopone ya gagwe e dira gotlhe go inaakanya le merero ya ditlhabololo tsa metse ee gaufi le moepo. Molosankwe a re gangwe le gape ba tsena dipuisanyo le banaleseabe mabapi le dikgang tse di amanang le kgotlelesego ya tikologo e e dirwang ke ditswammung tsa moepo wa BCL. “Re netefatsa gore metswako e e ka nnang borai mo bathong le diphologolong le mo tikologong  e babalesegile. Se sengwe ke gore ga re ise re ko re ganetse gore ditswammung tse re di epang dina le metswako e e borai.  Mme re netefatsa gore re dire methale  e e ka fokotsang borai jwa tsone.  Re thusa gape ka go baakanya mafelo a a amegileng le go thusa setshaba sa mafelo ka dithuso ka go busetsa dipoelo tsa moepo kwa go bone.”

Molosankwe are ba goga metsi ka fa tlase ga lefatshe. Mme a boa a bolela fa ba netefatsa gore a sireletsegile mo a ka sekeng a tsenya batho, diphologolo le dimela mo kotsing. Molosankwe a re e le BCL ba netefatsa gore ba sala melao le melawana ya kepo ditswammung le tlhokomelesego ya tikologlo morago ga go epa.

Le fa Molosankwe a rialo, tshekatsheko e e neng ya ntshetswa madi ke mafatshe a moseja a EU, ya 2009, e supile fa motswako wa kopore le nikele o o tswang kwa moepeng wa BCL wa hydrogen sulphide (H2 S ) le sulphur dioxide (SO2 ) o ka nna borai.

E tlhalosa gape fa masalela a nikele a ka nna borai lefa maphata mangwe a goromente wa Botswana a ganetsa se. 

Pego e, e e sa supeng gore e ne e dirwa ke mang kana bomang, e tswelela e tlhalosa fa ditiro tsa kepo ke ba BCL di senya tikologo ya mafelo a a mabapi le moepo gammogo le go ranyega ga matlo le mabitla. E tswelela gape e re ga gona phimolo dikeledi epe e newang ba ba amegileng.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, bone ba EU, ba kile ba ema nokeng BCL sebaka sa dingwaga tse di masome a mabedi. Mme ele bone gape ba itoma molomo wa tlase gore go boammaaruri go tswelelwe mabapi le ditlamorago tse tsa moepo. Pego ka moepo wa Selebi-Phikwe e tla tswelediswa mo bekeng ee tlang.