Naledi

Dikara tsa ditonki di lwantsha lehuma

 

Se se builwe ke Monnasetilo wa khansele ya Ghanzi, Thato Tshweneyagae, jaaka a ne a buisa phuthego ya khansele eo ka Mosupologo.

Tshweneyagae a re maiteko a, ke go phepafatsa tikologo gammogo le go thusa go nyeletsa lehuma “Mo nakong eno re thapile ba dikotsekara ba le masome a mararo le borabobedi (38) go dira tiro e ya go olela matlakala,” Tshweneyagae a tlhalosetsa bokopano jwa Makhanselara.

O boletse fa go thapilwe gape batho ba le masome a matlhano le botlhano (55) ba nakwana, go thusa mo go seleng matlakala a a ikadileng mo toropong ya Gantsi. A re ba tla theogela fela dikgwedi di le tharo go bo go thapiwa ba bangwe.

Thweneyagae o tsweletse ka go rotloetsa batho ba ba thapilweng go tshwara go tsenya marapo dinameng fa ba theogetse ka maikaelelo a go inamola leuba.

Mo go tse dingwe, makhanselara a boleletswe gore go tlhaela ga metsi mo toropong ya Ghanzi go ntse go bakiwa ke go kgaoga ga motlakase mo go anamaneng le lefatshe leno lotlhe, gammogo le go lekanyetsa batho tiriso ya metsi.  Tshweneyagae a re makhanselara ba tlaa tswelela ka go itsise banni ka ditlhabologo le diphetogo tse di tlaa itemogelwang mabapi le seemo se.

O boletse gape gore tlhaelo ya metsi kwa New Xanagas, e tla tsibogelwa ke ba kompone ya metsi ya Water Utilities.  A re e tlaare mo bogaufing ba koporase eo ba tshware diphuthego tsa kgotla kwa mafelong ka go farologana go tsibosa baagi ka dituelo tsa metsi le tse dingwe tse di amang koporase.

“Mo nakong eno katoloso ya ditiro tsa metsi e ko morago ka masome a supa le borobabedi mo lekgolong (78%) go na le masome a a robang bongwe le borobabobedi (98%) yo a neng a solofetswe ka  kgwedi ya Lwetse (September) ngwaga ono,”

Tshweneyagae a tlhalosa jalo.