Naledi

WUC ga e itumedise tautona Khama

Ian Khama
 
Ian Khama

A re ga e a tshwanela go kgatlhwa ke go kgaolela Batswana metsi fela nako le nako le gone go lopa dituelo tse di kwa godimodimo tse ba di lopang Batswana.

Khama o ne a bua jaana a araba dilelo tsa banni ba kgaolo Letlhakeng mo diphuthegong tsa dikgotla tse a ntseng a di buisa koo tse mo go tsone ba neng ba bolelela tautona fa ba kokonelwa thata ke ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa metsi go tswa kwa WUC.

Kwa motseng wa Letlhakeng banni ba phatsha Khama ka dikeledi ba mmolelela gore o dirile sentle go ba jela nala ka ba ntse ba ipotsa gore tota bosetlhogo jo ba koporase ya metsi ba ka bo porota mo go mang, ka go lebega botlhe ba ba lekileng go ikuela mo go bone ba sa ba tswa thuso epe.

Ba ne ba papamala fela ba bolelela tautona Khama fa ba setse ba tshaba go dirisa metsi ka ba itse fa e tla a re dipampitshana tsa dituelo tsa tiriso metsi di tla, di bo di le kwa godimo thata jaaka okare ba rekile terena, se ba reng se ba utlwisa botlhoko jwa ntho.

Selelo se sengwe ya nna sa go kgaolelwa metsi mo malwapeng ke koporase e ya metsi. Selo se ba re ke go supa fa koporase e, e sena sepe le matshelo a bone e le Bakwena, ka le fa go ka lelwa jang ka dituelo tse di kwa godimo tse, tse ebile bangwe ba reng e a bo e se tsa bone, koporase e kgaola metsi fela.

Tautona Khama o ne a bolela fa a sa itumedisiwe ke go  utlwa dipuo tse ka WUC go tswa mo Batswaneng. A re fa motho a bolela fa a sena kgwebo epe e e dirisang metsi a mantsi tota o ka lopiwa madi a mantsi jang. O ne a botsa gore go tla jang gore motho fela yo o dirisang metsi go nwa le go tlhapa a bo a duedisiwa metsi madi a a tshwarang dikete tsa dipula, go tla jang. A re se ga se a siama ka se kokonela Batswana. Ka jalo a kopa gore se se baakanngwe.

Fa a bua ka go kgaolela Batswana metsi ka ntlha ya sekoloto, Khama o ne a re WUC ga e a tshwanela go nna e itlhaganelela go kgaola metsi. A re go buiwe le Batswana mme go dirwe dithulaganyo tsa gore motho o ka duela metsi kgotsa sekoloto seo jang. Bogolo jang tsone tse di kwa godimo thata tse, a re e le gore fa se le kwa godimo go feta sekete sa  dipula, go bo go kgaolwa, motho yo o ya go duela jang ka eng, eleng seo a reng go buisanngwe go tliwe ka  tharabololo. Mabapi le tiriso ya metsi, Khama o ne a kopa banni ba kgaolo go tswelela ba dirisa metsi sentle gore ba seka ba tloga ba iphitlhela ba patelesega go goroga fa seelong se jaanong ba tshwanelwang ke go duela metsi ka ntlha ya tiriso e ntsi ya one.

Erile a arabela koporase ya metsi, mogolwane wa yone kwa Kweneng, Boitumelo Kgaodi, a bolela fa dituelo tse di dirwa ke mabaka ka go farologana, a ntsha sekai sa gore bangwe ba dirisa metsi a go nosa leruo la bone jaaka

dikgomo le dipodi.  O rile ka one mabaka a dituelo di tsholetsega thata. A  re bangwe le fa dipompo di dutlisa metsi ka ntlha ya go senyega ga ba begele koporase ka nako, fa ka dinako dingwe gape seemo se sa dituelo tse di kwa godimo se bakwa ke diphoso tse di dirwang ke badiri fa ba bala dimithara.