Naledi

Re A Nyalana e fetile ka Mosojane

 

Mpululu, kana mogolokwane ka teme ya Sekalaka, wa bo o lelela boatleng, fa bakapelo ba le masome a marataro le botlhano (65) go tswa kwa metseng e le lesome le bongwe ya Bokone Botlhaba ba rurifatsa fa e le bomme le borre tota go ya ka fa molaong.  Se se neng se kgatlha thata, ke go bona banyalani ba bina le ntswa bangwe ba bone ba godile thata. Mongwe wa banyalani go kailwe fa a le dingwaga di le masome a ferabobedi le borataro (86). Nnyaa, dingwaga di ne tsa seka tsa nna sekgoreletsi go ka itshikinya, ka go itumelela letsatsi la bone.

E ne e rile pele, ba atlana fa pele ga morafe oo neng o kokoane, mme ga tsoga leshalaba le le golo.

Ya re a tsatsanka moratiwa wa gagwe, mongwe wa banyalani, Mme Reginah Keneetswe, a supa fa monna e le wa gagwe, a mo itaya sehuba mme a wela kwa, le gore ga a batle “Bosmall house” go ka mo thubela lelwapa.

Mongwe wa batsamaise ba lenaneo la ‘Re a nyalana’, Mme Annah Morwaagole, o ne a supa botlhokwa jwa gore mme le rre ba age lelwapa ka go nyalana.  O supile matshwenyego a gore masika a rontsha bana boswa jo bo ba lebaganeng fa mongwe wa batsadi a ka tlhokafala ba ne ba sa nyalana. “Le rontsha bana boswa jwa bone fa batsadi ba ne ba nna mmogo ba sa nyalana.  Le tseela masiela ditsha le bo le di rekisa. Le ba tseela dithoto tsotlhe tse di ba lebaganeng. Ke ka moo go leng botlhokwa go nyalana go itsa go ikgagapelela ga masika”, Morwaagole a bua jalo a kgalema.

Ya re a ntsha la gagwe, Molaodi wa Bokone Botlhaba, Rre Rapetse Mathumo, a re go bo nyalo e tlhodilwe ke Modimo, go botlhokwa thata gore banyalani ba ikanye mo go ene.

A re gantsi banyalani ba tlotlile go isa mathata a bone a malwapa ko bathong, mme ba sa lope Modimo go ba thusa go a rarabolola.  Mathumo a re goromente o letleletse baruti ba ba kwadisitsweng ka fa molaong go nyadisa. A re maikaelelo ke go thusa mo kagong ya malwapa a a motia. A re go aga malwapa a motia go tlhoka lerato go tsweng mo go ba o ba ba nyalanang, mme a re se se ka dirwa fela ka kutlwano le therisanyo mo mererong ya lelwapa.

E ne ya re a isa tiro kwa bokhutlong, mokhanselara wa Mosojane-Mulambakwena, Rre Mbaakanyi Smarts, a supa fa e le kgatelopele go bona malwapa a nyalane.

 O ne a kopa gore lenaneo la ‘Re a nyalana’ le atolosediwe kwa bananeng ba le bone ba nang le kgwetlho ya go nna mmogo ba sa nyalana. Smarts o akgotse lekgotla la Re a nyalana a re le dira tiro e kgolo thata ya go tshwaraganyeng malwapa.