Naledi

Dithubaruba di godile,mme�

Dibui

Kgolo ya moletlo o e itshupile ka jaana ngwaga le ngwaga, go lalediwa dibui tsa tlhotlhwa, tse di itseng ka ditso tsa Bakwena, kana di welana sentle le maikaelelo a moletlo. Monongwaga, taletso ya ga Rre  David Magang, e ne e humile ka jaana, a itse ditso tsa motse wa gagabo a sa ipotetse, e bile a le sekao sa phenyo le katlego mo mhameng wa kgwebo, bokwadi, tumelo le  polotiki ya lefatshe leno le mogolo wa motse.

Kanamiso

Moletlo o godile thata mo o setseng o kgona go ngoka kanamiso ya diromamowa di feta bobedi. Monongwaga seromamowa sa setshaba, ga mmogo le se se ikemetseng sa Duma FM di ne di anamisa moletlo o, e bile di o gasa. Thelebishine ya Botswana, le ya SABC di ne di bonala di gatisa moletlo. Dikoranta ka kakaretso di ne di omogetse moletlo e bile di o kwala ka botswapelo.

Badiragatsi

Ka gale Bakwena ba na le kabelo e kgolo ya bodiragatsi jwa setso, mo ka bogone e leng khumo le letlotlo la sekwena le legolo. Badiragatsi ba tlhotlhwa jaaka Dipela tsa ga Kobokwe, Solly Sebotso, Sibongile Kgaile, Kaone Mahuma, Rabojalwa Keetile, ba lekanye go ka rokotsa le go ngoka matshwititshwiti go ya moletlong. Monongwaga go ne go kgatlha thata go bona badiragatsi go tswa mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe leno ba loisa boleng le serodumo sa moletlo ka ditalente tse di tshume tsa ngwao ya lefatshe leno.

Baeng

Moletlo o o setse o kgona go ngoka baeng, ba akaretsa tshika ya ga kwena go tswa Aforika Borwa le Namibia gammogo le baeng ba mafatshe a sele le moseja tota. Ntle le boeng fela, monongwaga go ne go tlile baMmadikole wa Aforika Borwa, ba kgatlhega go ka dira dipatlisiso ka teo maina ya dinaledi, le ka fa di ne di amana le Batswana ka teng, gammogo le babatlisisi ba kitso ya tlholego. Se se supa gore jaanong ditshaba di nyoretswe thata go ka gonya ditso tsa Bakwena le ka mehama ya thuto le dikitso.

Barati ba moletlo

Bakwena ba itshupile fa ba dumalana e bile ba rata moletlo wa motse wa bone. Dipalo tse di ne di omogile, di ne di ikarabela gore gone mme moletlo o ke letlotlo le legolo la boitumelo, bommogo, popagano le boipelo jwa morafe. Batswana ba merafe e mengwe le bone ba ne ba tshologile go bonala sentle gore bontsala le ketelano ya merafe, tse di tlisang lodula le popagano mo lefatshing di a rena.

Bagwebi

Moletlo o o setse o itshupa gore o nonofile go ka nna moletlo o mogolo wa kgwebo. Mekhukhu ya bagwebi, bogolo jang ya ditiro tsa diatla, tsa kapei, popo, tshugo le togo, e ne e supa gore moletlo o godile sentle go ka bapatsa bagwebi ba legae. Dikompone le tsone di ne di tlhomile mekhukhu, go supa gore di a lemoga gore ga se bagwebi ba babotlana fela ba ba ka robang mo moletlong o.

Makoa a moletlo

Go botlhokwa go ama dilo tse di sa tsamayang sentle gore barulaganyi ba di tokafatse fa go ya pele. Naledi e nankola tse e di bonyeng.

Kamogelo baeng

Kamogelo baeng e tshwanetse ya tokafadiwa ka seemo se segolwane thata. Dipalo tsa baamogedi di tshwanetse tsa okediwa, ga bo ga nna le thuto e e tseneletseng ya botlhe baamogelabaeng, go re ba itse ba bo ba tlotle tlhomagano le tatelano sentle. Baamogedi botlhe le batsamaisatiro ba tshwanetse go itse thata gore mang o nna fa kae, o buisiwa a bo a thusiwa jang. Moeng o tolokololelwa eng go ka akarediwa, o fiwa leng jang le tse dingwe tse di botlhokwa. Batlhokomedi ba baeng ba tlotla ba tshwanetse ba nna foo, ba le majato, e bile ba le malalaalaotswe, bangwe e le ba ba itseng diteme tsa batswakwa sentle gore ba ikutlwe ba amogelesegile.

Digoagoe

Le mororo moletlo o ne o rothisa ditete, digoagoe tsa monongwaga e ne e le dikoro tsa ga mmaseiti! Nako e e tlang moletlo o tshwanetse wa lemoga ka thata botlhokwa jwa gore batho ba utlwe dibui le badiragatsi go sena tshokolo. Ke ditlhong gore digoagoe di tswidinye kana di gwase tiragatso kana sebui se tsweletse. Se se digile thata sedorumo sa moletlo wa monongwaga. Go ya pele; serala, diletso le tse di thusang batho gore ba bone moletlo di tshwanetse tsa emelwa ka dinao thata. Maiteko a dirwe ka di plasma gore matlhakore otlhe a bone moletlo.

Mmabatho

Go re motse le moletlo wa setso o itshetlele, ke ka tlotla e e neelwang Kgosikgolo ya motse. Go tlotla Mothomontle, go simolola ka morafe o o foo ke go itlotla; o itse se o se buang, o se dira o bo o se supa fa pele ga Mmabatho. Barulaganyi ba moletlo ba tshwanetse go ruta ka tsenelelo batsena moletlo gore ga ba tsose modumo fa pele ga Monngabatho. A digoagoe di teng kana ga diyo, kgosi ya setso ga e tsosediwe modumo. Fa dibui tse di tlileng go rola mafoko fa pele ga Monngammu di bua, go thona gore morafe o sebasebe kana o tsose leratla. Kgosi e a siselwa. Setilo sa kgosi se bewa ka tlotlo, se supa se sa senkwe gore se ke sa Mmabatho. Ka jalo, bodulo jwa Leaparankwe, bo tshwanetse jwa tokafadiwa  thata ka setilo sa kgosi, se serileng, sa mabonobono.

Fa Kgosi a tswa, le a tsena, ka dinako tsotlhe go a siselwa.  Morafe le motsamaisi ba tshwanetse ka tlotla e kgolo ba supa jalo. Kgosi o nna le batlhokomedi, ba ka dinako tsotlhe ba mhaphang. Le a ka tswa a bapile le mohumagadi, mmagwe, ba ntshediwa batlhokomedi go bona kgapetsa kgapetsa gore a ba siame. Kgosi ga a ikukele dithoto, ga a ikise koloing, e bile morafe o mo apesetsa modiro, e le ka bomo.Tlhomagano ya bogosi e a siselwa, e supiwe ka botlalo ka jaana dikokomane di ithuta mo go yone, le ba ntse fa fatshe. Kgang e e re le mororo e le ya ntlo, ga re morafe o e somarele, o e bonatse, e papametse, ka jaana kgosi ke ene thito ya kokomane le ngwao ya ga kwena.

 

Dikago

Jaaka morafe o ata moletlo, go a tshwanela jaanong gore dikago di nne teng mo lefelong, tsa maroko, boitaploso, boitiketso jalo jalo, di bo di papamale gore tse ke tsa bomang. Moletlo o go lalwa mo go one.  Ka jalo dipaakanyo tsa maroko, dikago tsa ditso, thekiso le tse dingwe di ka tlisa dipoelo tsa moletlo.

Boranyane

Le mororo moletlo e le wa setso, nnete ke gore re setse re le tshaba ya boranyane. Fa bo sa bereke sentle, bo diga seriti sa moletlo. Dikompone di ka kgothadiwa go bo tokafatsa, gore yo o tlhaeletsang, kana a romela dinepe tsa moletlo, go se mo tseye sebaka. Jaaka re ne re na le motshameko wa setshaba ka nako e, go ne go siame gore batho ba ka o leba ba le kwa lefelong le.

Tsa botsogo

Moletlo wa ngwao ke wa bagolo, e bile ngwao e tia e bo e nna le seriti fa ba le foo. Ka jalo, tsa botsogo jaaka kokelwana, koloi ya thuso ya potlako ya botsogo, di tshwanetse tsa nna malalaalaotswe tsa bo tsa bewa foo. Ba melelo le ba bangwe ba itshireletso yotlhe ba tshwanetse ba nna teng.

Go ya pele

Go tlhoka go re komiti e nonotshiwe go tlatsa dinatla tse di leng teng. Bana ba Bakwena le barati ba ngwao ka bontsi ba tshwanetse ba ikgothatsa, ba bo ba rotloediwa go atamela ka dineo, dikitso le dikatlego go godisa moletlo.

 Dithuto tsa go dira meletlo di dirwe mo batsayakarolong botlhe. Dingwaga tse di lesome tsa moletlo ngwaga o o tlang, di tshwanetse tsa tlisa selebo se se pharologanyo thata, e bile se bopilwe ka botswerere jo bo supang kgolo ya meletlo ya ngwao, bojanala le serodumo sa lefatshe leno.