Naledi

Heroes, Pool di goloka lee

Ditlhopha tse eleng Black Heroes le Black Pool di tlholega ebile e le tsa motse wa Matebele ka bobedi, eleng seo motshameko wa tsone o ngokang tatedi e e tsitsibanyang mmele  jaaka barati le balatedi ba tsone ba tsile go die ma nokeng.

Ntwa ya tsone e tona jaana, ka ntlha ya gore tsotlhe di eletsa go ipona di tshotshe  bosimega jwa motse o wa Matebele, ebile gape Black Heroes e le yone ya ntlha go nna teng, fa Black Pool e nnile teng ka go tswa mo Heroes.

 Se se raya gore ntwa ya tsone ga e nne e nna bonolo ka gope, le fa e le letsatsi lepe ka Heroes e batla go supegetsa Black Pool fa e le bone bagolo, fa Black Pool e batla go supa gore ntwa ga lowe le go fenngwa ka botona fela.

Ka Matlhatso pele ga motshameko o simolola ka nako ya 3:30 mo tshokologong ke fa lebala le setse le tletse ka barati le balatedi ba ditlhopha tse, ba Heroes ba kgabile ka mebala ya setlhopha se sa bone go supa kemonokeng ya boammaaruri.

Pula e e neng e na ka letsatsi le ya se ka ya kgona gotlhelele go itsa barati le balatedi go tsenelela motshameko ka dipalo tse dintsi, se se ile sa lebogelwa thata mokhanselara wa kgaolo ya Matebele, Modise Ncube. O ne a re go itumedisa thata go bona batho ba tsile motshamekong ka dipalo tse di ka na, se a reng se ka thusa thata ditlhopha tse ka madi a go tsenwang ka one kwa kgorong.

Motshameko one o ne wa fela ka maleka ka ditlhopha tse di ne di tlhaselana go tloga fela ka phala ya ntlha e lela, kwa Black Pool mokatisi David Jento Segadimo a bo a tlhomamisitse sentle fa basimane ba gagwe ba tlhokomela gore Heroes ga e bone nno.

Mo gare go na le motshameki yo o popota Collen Edmundo Sebifelo,a ntsha dibolo go ya kwa batshameking ba  ba  neng a nna a tlodisa dipale le go ragela kwa ntle, motshwaradinno wa Pool, Kabo Boikanyo le ene a bo a dira go utlwala kwa dikoteng.

Heroes yone ya bo e le mo ntweng ka tshameko e e diphatsa ya ga Darlington Ncube, Thabang Mothoosele le  Kago Delpiero Ntsatsi ba ba neng ba tlhasela kgapetsakgapetsa, fela lesego la ba tswa ka diphatlha tsa menwana ka go nnela go fosa letlowa le go ragela mo diatleng tsa motshwaradinno.

Motshameko wa fela ka maleka a lefela setlhopha.