Naledi

Kgosikgolo Mosadi o tlotlomatsa BarwaKgodumo

Kgosi Mosadi Seboko
 
Kgosi Mosadi Seboko

Balete ba supile sentle fa ba tsaya ngwao ya bone ka tlhwaafalo jaaka ba ne ba tshologetse kwa kgotleng kgolo ya Ramotswa ka dipalo tse di kwa godimo go ya go amogela bojale le gone go ipelela letsatsi la morafe wa barwaKgodumo. Pele ga oura ya borataro mo mosong wa Matlhatso, ke fa go setse go bonala batho ka dipalo tse dintsi ba ya kwa kgotleng kgolo. Bannabagolo, basadibagolo le banana ba apere diaparo tsa setso ka mefuta go supa sentle gore le ke letsatsi le legolo mo Ga-Malete.

Magosi le magosana go tswa mo metseng yotlhe ya Ga-Malete ba bo ba moletlo oo, le gone go ema nokeng mong a mmu, Kgosikgolo Seboko, mo tirong e tona eo.

Mephato ya pele ya banna le basadi le yone ya bo e kgabile ka kapari ya ngwao, ya matlalo go amogela basadi ba ba ntseng ba le mo sekgweng. Kwa sekgweng basadi ba ne ba rutiwa le go baakanyetswa go nna basadi ba ba maikarabelo ba malwapa. Kgotla ya bo e tletse go se bonolo go feta gongwe le gongwe.  Ka ntlha ya se, matlho a batho one a bo a lebile fela ntlheng e Bojale bo tla a gorogang bo tswa teng.  Ga bonala sentle gore bojale bo santse bo na le phatlha mo dipelong tsa Balete.

Tiro ya letsatsi ya simologa jaaka bojale bone bo goroga go rolelwa morafe wa Balete ke Kgosikgolo Kgosi Mosadi Seboko, le ene o ne a apere sentle go supa fa e le ene mogogi wa ngwao le ditso tsa morafe o wa babinanare. Megolokwane le maboko tsa apesa phefo, tsa utlwala di tsena ka ditsebe tsa motho a le kgakala. E ne e akgolela kgosikgolo tiro ya gagwe e ntle le gone go amogela basadi ba Bojale.

Kgosikgolo Mosadi Seboko, a bo a laleditse mohumagadi wa Bakgatla, Mmankgara Linchwe kgotsa Mma Seingwaeng jaaka a tlwaelesegile go bidiwa. Mma Seingwaeng o ne a bolelela basadi ba Bojale fa ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba itshwara sentle ka dinako tsotlhe. O ne a bolela gore go rupa gase go tswa ka motse o tsena mo sekgweng fela. A re ke go tsena mo thutong ya bosadi le go rwala maikarabelo a go tsamaisa bana le go tlhokomela malwapa.

Mma Seingwaeng o ne a gatelela thata gore basadi ba ba rupileng ke bone masole a a boikanyego a ga Kgosikgolo Mosadi. Ka jalo a ba gakolola gore ba seka ba latlhelela kgosi ka nako epe ka a ka se kgone a le nosi

Kgosikgolo Mosadi o ne a bolelela batsenamoletlo fa ngwao e le selo se se monate thata, mme mongwe le mongwe a tshwanetse go ikamanya le yone. A re se ke motlhala le mmala wa motho yo o itlhaloganyang, eleng seo bagologolo ba neng ba tshela ka yone. O boletse fa go rupa le gone e le bontlha bongwe jwa ngwao le setso sa Balete, mme go itumedisa go bona Balete ba tsweletse ka go inaakanya le gone nako le nako fa a bolotsa mophato. O ne a ba leboga thata.

O ne a gatelela botlhokwa jwa go tlotla letsatsi la Balete la ngwao kgotsa letsatsi la barwaKgodumo ka go sena lepe le le tshwanang le lone. A re ke go ikgopotsa le go supa dilo tsotlhe tsa ngwao tsa babinanare ka go farologana. Go ne go le monate thata jaaka ditlhopha di ne di opela le go bina, fa baboki ba ne ba ntsha ka tlhaa go tlotlomatsa kgosikgolo le morafe.