Naledi

Bakatisi bangwe ba tletse lenyatso waitse!

 

Mo bangwe ba bone ba supang maitsholo le maitseo fela a a sa itumediseng jaaka go bonetse ka Matlhatso fa mokatisi wa Gaborone United Rahman Allan Gumbo a ne a gana go bua le babega-dikgang.

Mo dingwageng di le dintsi tse di fetileng, bakatisi ba ne ba na le mokgwa o wa bone o o maswe wa go gana go bua le babega-dikgang, mokgwa fela wa lenyatso le go sa itshwareng sentle ga motho gotwe o neetswe maikarabelo a setlhopha ka nako ya motshameko. Fa dingwaga di ntse di tsamaya, makgotla a mafatshe a motshameko wa kgwele ya dinao, a ne a tlhomamisa gore go nna ka fa molaong gore mokatisi a buisane le babega-dikgang pele le morago ga motshameko. Kgato fela e mongwe le mongwe a neng a e bona e le botlhokwa le gone go supa kgolo le kgatelopele mo motshamekong wa kgwele ya dinao. Le fa go ntse jalo, mono Botswana go ne ga tswelelwa fela ga itshwarwa ka mokgwa fela o o maswe le lenyatso jaaka bakatisi bangwe ba ne ba tswelela le go kgathologa le go kgaphela babega-dikgang mabogo fa ba kopa go bua le bone. Se se tlhabisang ditlhong ke gore bakatisi ba ba itshwarang jaana ba gantsi ke batswaka, ba go dumelwang gore ba mo lefatsheng le ka go bo e le ba boleng jo bo haphegileng, ba go solofelwang fa ba tshwanetse go tsisa kgolo le tlhabologo mo motshamekong wa kgwele ya dinao ya Botswana.

Mokatisi wa GU, Rahman Gumbo o gana go bua le babega-dikgang jaana, morago ga gore mokaulengwe wa gagwe go tswa Zimbabwe, Madinda Ndlovu a dire jalo ngwaga e e fetileng fa setlhopha sa gagwe sa pele Township Rollers se ne se thulane Extension Gunners  mo motshamekong wa liki. Potso e nne gore tota ka bakatisi ba, ba kaiwa e le bone ba ba tlhwatlhwa kgolo fa go buiwa ka maitemogelo le ditlankana mo liking e ya be MOBILE mo Botswana, ke eng gone mme ba kgona go supa botho jo bo sa amogelesegeng kwa mabaleng? A ba batla go raya Batswana ba re bone ba kgona go dira sengwe le sengwe se ba se ratang, go sa kgathelesege gore se maswe le go tlhabisa ditlhong go le kae? Kgotsa go nna le ditlankana le maitemogelo a a kwa godimo go ba naya tshwanelo ya go tlhoka botho le go nyatsa babega-dikgang ba lefatshe le? Rahman Gumbo o tshwanetse go itse gore o mo lefatsheng le ka tiro ya go katisa setlhopha se se tona sa Gaborone United, mme fa go ntse jalo a gakologelwe gore tiro ya gagwe ya bokatisi e amana le batho ba le bantsi go feta batshameki ba gagwe ba ba lesome le botlhano. A tlhaloganye gore fa go na le sengwe se se sa mo itumediseng ka setlhopha sa gagwe, ka motshwaraphala, kgotsa mothusi wa gagwe go na le tsela e a ka baakanyang seo ka teng.

Mo godimo ga se a tlhalofanye gore nako nngwe le nngwe fa a baya monwana go amogela tiro ya bokatisi mo lefatsheng la Botswana, go a bo go le mmega-dikgang fa thoko ga gagwe go kwala le go bolelela Batswana le barati le balatedi ba GU botlhe gore mokatisi wa bone ke mang. Mme ebile gape ga a tlogela tiro, le fa e ka nna ka mabaka a fe fela, mmega-dikgang o mo lethekeng la gagwe go kwala le go bega gore o tlogela tiro, mme ebile mabaka otlhe a a ka mo tlogedisang tiro Batswana ba eletsa go a itse, mme botlhe ba ka a itse fela ka metswedi ya dikgang, e berekwang ke babega-dikgang.

Nako e tsile ya gore komiti e e tsamaisang liki e ya be MOBILE e eme ka dinao go tlhwaafalela go kgalema lenyatso mo bakatising ba mofuta o, le fa e ka nna go oketsa kotlhao thata gore ope yo o dirang jalo a itse fa a tla a di gama a sa di tlhapela. Go sa kgathelesege gore a ke Rahman Gumbo kgotsa ke Dragojlo Stanojlovic kgotsa mang fela.

Ga gona sepe se se kgopisang le go swabisa go bona motho a tswa kgakala fela kwa ga bone a ba a tla go nyatsa le go gataka Batswana ka dinao, nyaa a go ko go dirwe sengwe fela go dilo di tsamaye fela ka thelelo jaaka di rulagantswe.