Naledi

Carter Morupisi o dirile dikgakgamatso kwa Malaka

Carter Morupisi
 
Carter Morupisi

Rre Morupisi o ne a supiwa fa pele ga barutabana, batsadi le bana ba sekolo fa e le ene yoo ikemiseditseng go thusa sekolo seo ka tsotlhe mo lenaneong la ‘Adopt-a-School’. Moletlo oo wa maemo oo neng o rulagantswe sentle ke barutabana ba sekolo sa Malaka Primary o ne wa simologa mo mosong wa Labotlhano go fitlha mo maitseboeng.

Gareng ga batlotlegi go tswa kwa dikomponeng tse di farologaneng, badirelapuso, kgosi ya motse Rre Dikakanyo Otukile le batho ba kgaolo eo ba ba neng ba tlile mo moletlong oo, go ne gole mopalamente wa Palapye/mothusa-tona Rre Moiseraele Master Goya yo ebileng e ne ele sebui sa tlotla. Mo mafokong a gagwe Goya o ne a akgola Morupisi a bo a mo galaletsa thata mo maitlamong a gagwe a go thusa dikolo tseo.

Morupisi yoo neng a patilwe ke mosadi wa gagwe, Mme Pinny Morupisi, o ne a bolelela barutabana, batsadi le bana ba sekolo seo gore o ikiteile sehuba go thusa sekolo sa Malaka ka natla. Le fa go ntse jalo, Morupisi o boletse gape gore mo lenaneong la gagwe o tla a thusa gape le sekolo sa Lecheng Primary le sa Mokgalo Junior Secondary kwa Lecheng. O rurifaditse gore ngwaga le ngwaga o tlaa abela dikolo tseo tsotlhe P5 000.00 sengwe le sengwe. Madi otlhe ele P15,000.00 ka ngwaga.

Moletlo o ne o ntse o tsweletse fa Morupisi a ne a phumusetsa bana le barutabana mamphemphe a dimpho. Bana bangwe ba ne ba fiwa ditlhako tsa sekolo, dikipara, dikobo (go botlhe) le dimpho tse dingwe. Barutabana botlhe ba Malaka Primary School, Lecheng Primary School le bangwe ba Mokgalo Junior Secondary School ba ne ba fiwa megala ya letheka ee manobonobo (Tablet-phones).

Megokgo ya dikolo tseo tsotlhe le yone e akotse mamphemphe ao a‘ditablets’. Maranyane ao a dirile gore barutabana ba thame dipelo mme ba tswelela ka go ngunanguna fa ba tlaa ntsha gatshwene mo dikolong tsa bone. Morupisi o ne a bolelela barutabana puophaa gore dimpho tseo di raya gore gonne le maduo aa kwa godimo mo dikolong tseo. Le fa Morupisi a dirile dikgakgamatso jalo mme go utlwala fa mosadi wa gagwe (Pinny Morupisi) a na le dingwaga di le mmalwa a ntse a ikemiseditse go thusa sekolo sa motse wa bone wa Malaka le sa Lecheng.

Le mororo batsadi, barutabana le bana ba sekolo sa Malaka ba ne ba itumeletse dikgakgamatso tsa letsatsi leo, mogokgo wa sekolo sa Malaka, Mme Ipelegeng Pasela, o ne a itumetse  thata abo a boka sekgantshwane sa letsatsi ebong Morupisi.

Go utlwala fa sekolo sa Malaka se tswa kgakala ka maduo a mantle ebile se ne sa gaisa dikolo tsotlhe tsa kgaolo ya Palapye-Bokone ka 2009 mo maduong a lokwalo la bosupa mogokgo wa sone ele Mme Florah Malokwane.