Naledi

Mekaloba e aba dintlha sesolo

Mark Harrison Pic Kabo Mpaetona
 
Mark Harrison Pic Kabo Mpaetona

Barati le balatedi ba ditlhopha ka go farologana ba letile beke ya botlhano ya liki ya be MOBILE ka mewa le dipelo tse di farologaneng jaaka bangwe ba eletsa gore ditlhopha tsa bone di tle di tswelele le bontle jo di setseng di bo dirile, bogolo jang ba Gunners e e leng yone e kokoretseng loko kwa setlhoeng morago ga go fenya metshameko ya yone yotlhe e mene.

Setlhopha se sa ga mokatisi Keitumetse Pio Paul se simolotse liki ya monongwaga ka lebelo le go e tsaya ka setsokotsane ka go fenya ditlhopha tse dingwe, go akaretsa le mokaloba Gaborone United tota. Se jaanong se dira gore barati le balatedi ba setlhopha se e nne bone ba buelang kwa godimo ka boitumelo, fa bangwe bone ba bua fela ba iname ka ditlhopha tsa bone di santse di apaapa tsela. Kwa Serowe le gone go santse go le monate thata jaaka setlhopha sa koo se se magorogomasha mo liking e ya be MOBILE, Green Lovers,  se kgonne go fenya metshameko mengwe go kgobokanya dintlha go wetsa dibeke tse nne se le mo maemong a a botoka mo lokong. Se se dira gore ditlhopha tse dingwe tsa kwa kgaolong e jaaka Motlakase, FC Satmos, Nico, Miscellaneous di nne mo kgatelelong e e seng kana ka sepe ka di patelesega go itshwarelela mo liking ya monongwaga.

Mekaloba e go neng go solofetswe fa e tla a dira sentle, Mochudi Centre Chiefs, Township Rollers le Gaborone United e ne ya bona go se gontle mo dibekeng tse nne tse. Ditlhopha tse dingwe bogolo jang tse di potlana di ne tsa di patelela gore di di abele dintlha go supa kutlwelobotlhoko.

Mo go abeng dintlha sesolo ga ditlhopha tse go simolotse fela kwa Maun kwa Magosi e neng ya fitlhela Sankoyo Bush Bucks se sena le fa e le ntlha e le nngwe. Mme ka go utlwa botlhoko, Magosi a tsenya mabogo mo kgetseng go ntsha dintlha tse tharo go di abela Sankoyo tsotlhe. Ya boa gape ya fitlhela Gilport Lions le yone e eme sentle go amogela sengwe go tswa mo Magosi. Mme Magosi ya seka ya ba swabisa ka e ne ya ntsha ntlha e le nngwe go e neela Gilport Lions.

Fa Township Rollers le yone e ne ya abela Jwaneng Galaxy le BR Highlanders dintlha ka go farologana ga tsone. Se e ne ele go supa sentle gore Mapalastina le one a na le kutlwelobotlhoko mo ditlhopheng tse dingwe, bogolo jang tse di potlana. Gaborone United le yone e na le mowa wa kutlwelobotlhoko ka e ntse e aba dintlha bonolonyana fela go thusa tse di di tlhokang.