Naledi

In a loud voice � Salang

 

Alebamo e ya ga Salang kgotsa Elizabeth jaaka a dirisa leina le mo go yone e na le dipina di robabobedi, tse tsotlhe di tlhamilweng le go kwadiwa ke ene ka sebele, ka a bolela fa a tswa kgakala le mmino o wa tumelo ya sekeresete.

Dipina tse di simolola fela ka yone ya setlhogo sa alebamo, In a Loud Voice e mo yone Elizabeth a bolelang ka fa Morena Jesu a filweng taolo ka teng le gone  tota ka fa a neng a swa ka teng. Lekgarebe le le bolela fa e tswa mo lokwalong la ga moitshepi Daniel mo Baebeleng. Ke pina e e tshotseng molaetsa o montsi thata ebile e ka sokolola mongwe le mongwe yo o e reetsang.

Mo pineng ya bobedi eleng Glory , e e leng chorus, Elizabeth o boletse gore ke ya bogologolo ka a sale a e tlhamile ka ngwaga ya 1992. Mme ka yone o galaletsa Modimo mabapi le mautlwelobotlhoko a gagwe mo bathong. Le yone e ka go tsosetsa moya fa o na le lorato la Modimo le lentsi.

Fa moreetsi a batla go tswelela a aja alebamo e ya In a Loud Voice monate o ka reetsa gape pina ya boraro I was glad e le yone e leng chorus ya bogologolo, e bua ka go nyorelwa Modimo go fitlha motho  a bona metsi a botshelo. Le yone Elizabeth a re o sa le a e dirile ka ngwaga ya 1992.

Pina ya bone ebong Kgosi e tswa mo lokwalong la Dipesalema 138 temana e le ya borobabobedi, yone e bua ka tsholofetso ya Modimo mo botshelong jwa motho kgotsa jwa ga ene Elizabeth ka sebele, ke sefela se se monate thata ebong Pela ha tulo se tshabegang.

Sediba sa madi ke pina ya botlhano, ke sefela se se tshwaragantswseng ka bokgabane jo bogolo le sefela sa Lona ba ratang go phela, mo pineng e ,Elizabeth o supa bokgoni, talente le lorato la gagwe la kopelo ya sekeresete. Lentswe la gagwe le ka tlogedisa bontsi se ba se dirang go ema ba reetsa. Alebamo e na le dipina tse dingwe jaaka When I remember e e tswang mo Dipesalema 23, e latelwe ke Happy Day, e yone e buang ka motho a tsetswe sesha, le maitemogelo a go tsalwa sesha.

Elizabeth o tswala alebamo ya gagwe ka pina e e reng ke tla opa ka diatla e e bopilweng sentle ka difela di le tharo tsone e le Joko ya haho e bobebe, Ke sekilwe ke Jesu le Bonang go tlhahile marung, pina e e ka dira gore le fa motho a sa tseye mmino wa sekeresete tsia, a ipotse gabedi garago. Lekgarebe le somtse alebamo e e reng a e diragatsa mo meletlong ka go farologana, a tlogele bareetsi ba mo kopa go tswelela a e opela.  E rulagantswe le go gatisiwa ke moporofeta Matlhong wa M-Squared Records.