Blogs

Re tswelela ka papisapuo e e reng go wela

E rile fa re tswelela pele, ra supa gore, lenatetshapuo le, le ka dirisiwa ka ditsela tse dintsi go raya dilo tse di farologanyeng. Re ne ra bua ka go wela tsela mo gone go rayang go tsamaya.  Fa re re, e rile a sena go ja, Thulare a wela tsela go ya morakeng, re raya gore, e ne ya re Thulare a fetsa go ja, a tsamaya, a ya morakeng.

Re ne ra re e ntse e le go wela tsela, go ka raya go kopana le tsela golo gongwe.

E le sekai, re ne ra bona Neo a wela tsela e e yang ga Naledi fa mogotlhong o motona o o nang le seolo.

Re tsweletse ra re go wela mo gongwe e ka nna ga dikgomo. Fa dikgomo di ya go nwa, Motswana a re di ya go wela. E re di sena go nwa, a re di a tlhatloga. Re ne ra digela ka go wela maupong.

Re ne ra bona batho bangwe ba tsena kwa moletlong mme ba fitlhela go se na sepe, dijo di fedile. Ka ba fitlhetse go se na le fa ele sepe, go tlaa twe batho ba, ba ne ba wela maupong, kgotsa go twe ba wetse maupong.  A, ke manatetshapuo a re neng ra bua ka one maloba. Mme gompieno fa re tswelela  re bona afe?

Mo godimo ga tse re buileng ka tsone maloba, go na le papisapuo e nngwe/lenatetshapuo le lengwe, le le reng go wela motho. A re re Bone le Monei ba sale ba kgaoganye dingwaga tse tlhano tse di fetileng. E ne e rile fa ba fetsa sekole, ba kgaogana ka ditsela, ba ya go direla kwa mafelong a a farologanyeng. Nako e yotlhe ba ntse ba batlana ba sa itse gore ba ka bonana kae. Jaanong nako nngwe fa a ntse a tsamaya mo  lebaleng la ditshupo, Bone o lebela mongwe fale e kete ke Monei. O tsamaela ntlheng ya gagwe. Fa a tsena fa go ene, o fitlhela ka nnete e le Monei tota; Monei yo a ntseng a mmatla. 

Botlhe ba a hakgamala go bonana ka ba sale ba batlanye ka lobaka. Jaanong ke bao ba bonanye fa ba neng ba sa solofela teng. Ba bonanye ka nako e ba neng ba sa solofela go ka bonana ka yone, le mo lefelong le ba neng ba sa solofela go bonana mo go lone.

Mme Setswana se a  reng fa go ntse jaana? Setswana se tlaa re Bone o wetse Monei kwa ditshupong; se re Bone le Monei ba welanye kwa ditshupong. Ba welanye ka jaana ba bonanye fa ba neng ba sa solofela go bonana teng. Go ntse go ntse jalo, go ka twe motho o wetse selo/sengwe, go ntse go raya gore motho yoo o bonye selo seo a ne a sa solofela.

Gantsi e nna selo se motho a neng a se batla mme a sa se bone kana a sa itse gore o ka se bona kae. Mme e re gongwe a setse a itlhobogile, ke gone a se bone golo gongwe mme go twe o se wetse.

Go na gape le go wela mo isong mme go sa reye go sha. Motswana ke motho yo o tshedileng ka temo. Ngwaga le ngwaga o lelala legodimo a solofetse gore pula e tlaa na mme a leme gore a tle a bone dijo.

E a re fa go ka nna jalo, a leme, a robe, a tlatse difala le disigo,  bana ba bone go ja, ba se ke ba itse go lala le tlala. Ngwaga o mongwe, go nne ka go sele. E kalele pula go se ke go lengwe. Go nne thata go bona dijo, bana ba lale ka tlala. E re se bapisa puo Setswana, se e kgabisa, se re bana ba wela mo isong ke tlala, se raya fela gore, ga go na se bana ba se jang.

 Leinane kana thamalakane yone e re, kgomo ya gaetsho ya wela bodibeng, ka sala ke e tshwere ka mogatla. E re e rekololwa, e tlhalosiwa, go twe, kgamelo. Go a twe kgamelo ka gore, fa go gelelwa mo sedibeng sa petse, kgamelo e gokelelwa kgole, e tammediwe kwa tlase mo metsing. Fa kgamelo e ya kwa tlase, yo o gelelang ene o sala a tshwere kgole gore e re kgamelo e sena go tlala, a e goge ka yone, a e tlhatlose.

Kgamelo ele fa e ya kwa tlase ga sediba, ke gone fa kgomo e wela bodibeng. Kgole ele, e kgamelo e tshwerweng ka yone gore e tle e tlhatlosiwe, ke yone mogatla. A e kgabise jalo puo Motswana. motshwanes@yahoo.com