Naledi

Kgangkgolo ka lenao la ga Matsieng

 

Lokwalo-dikgang lwa Naledi le ne la itshwaraganya le mongwe wa baitsaanape ba tlholego ya matlapa kwa Lephateng lwa Mabolokelo a Ditso le Botaki Vasco  Baitsiseng, a bolela gore go boammaruri gore go na le bangwe ba ba buang polelo e farologanang le morafe wa Sotho-Tswana ka lefelo leo.

Baitseseng o simolotse ka go tlhatswa ntlha ya gore bone ele basereletsi ba matlotlo a ditso ba romilwe ke goromente le Batswana go dira tiro e ba e dirang. A re ka jalo ga ba tlhaole, ba  amogela dikgang tsotlhe tse di amanang le ditso. A re gape ba rotloetsa le bakaedi ba bone go rolela baeti ba mafelo a bone dikgang tsotlhe tse di amanang le mafelo a.

O tsweletse ka gore, batho ba gakologelwe gore baitseanape bone ba bereka ka dipatlisiso. Ka jalo, fa ba utlwa sengwe ba tsile go batla go se rurufatsa. A re ke nnete gore baitsaanape ba re dikgang tsa ga matsieng di amana le botaki e seng lenao la mongwe. A re ere go ntse jalo,batho ba tshwanetse ba lemoge gore ba morafe wa Sotho-Tswana ga ba bua polelo ya bone ga ba tshameke. Baitsieseng a re go supega sentle fa ba Sotho-Tswana ba santse batla itsetsepela, ka ntlha ya gore dipopego tse di kwa Rasesa ke lenao la ga matsieng . 

Baitseseng o ne a laela Naledi go tlhodumela dibuka dingwe go itseela ka tlhamalalo gore baitseanape ba bona kgang e jang. Nngwe ya dibuka tseo ke Ditswammung; The Archaeology of Botswana (1998.) Go ya ka mokwadi Nick Walker, yo ebileng ele moitseanape wa tsa matlapa, dipatlisiso di supa fa go na le botaki ja matlapa bo le mmalwa mo lefatsheng leno. Walker o tswelela ka go kwala mo kgaolong ya borefabongwe mo bukeng eo ( Tsebe 212-213) gore dipopego tsa lefelo le go tweng ke la ga matsieng ke botaki jo dipatlisiso di supang fa bo dirilwe ke Basarwa. 

Walker a re go na le mefuta ele mebedi ya botaki ja matlapa.A re botaki bo ka diragala mo matlapeng a tlhamaletseng jaaka dithaba tsa Tsodilo kana a a ikadileng. A tswelela ka go kwala gore ‘botaki’ jo bo kwa Rasesa ke sekai sa botaki ja matlapa a ikadileng. O nankotse mafoko a baitseanape bangwe ba tsa tlholego ba pele, Alec Campbell le Thomas Tlou (1984) gore dingwe tsa dipolelo tse tsa merafe jaaka ya Sotho-Tswana e ne fela e le go itebaganya lefatshe gore ope a seka a tloga a ba ntsha mo go lone.A re se se dirwa segolo bogolo ke gore tota fela batho ba ntlha ba kgaolo ya borwa jwa Aferika go supega ele batho ba letso la Khoisan.

Barulaganyi ba buka e Walker a kwadileng mo go yone, ke Paul Lane, Andrew Reid le Alinah Segobye.