Naledi

Tsa lenao la ga matsieng di tsere phekelo e sele

 

Fela, Naledi e ne ya utlwa moshwedile mongwe wa dikgang tse di pharologano. Ntle le go dia sebaka, Naledi e ne beke e fetileng ya ragogela gone kwa Rasesa kwa go tlhwaelesegileng gore lenao le la ga Matsieng le bonwa teng.

Go ya ka ditlhotlhomiso tsa Naledi, go senogile dikgang di le mmalwa e bile go lebega go sa ntse go tlaa nna le dipotso di le mmalwa gona le dikarabo. Kgang e ya gore dipopego tse di sireleditsweng kwa Rasesa ke lenao la ga Matsieng le diphologolo tse a neng a tsamaya ka tsone go lebega gona le ba ba sa dumalaneng le yone.

Se se itumedisang ke gore mongwe wa bakaedi ba ba kwa lefelong le, le go tweng ke la ga Matsieng o utlwaletse ka yone. Lucky Maabong a re bone se ba se itseng ke gore morafe wa Sotho-Tswana o dumela gore Matsieng ke ene motho wa ntlha mo lefatsheng la bone. A re ebile ba santse ba na le tumelo e ntsi fela thata gore ke mongwe wa badimo ba bone.

A re fela go simolotse go nna le dikgang tsa baitsaanape bangwe ba ba reng dipatlisiso tsa bone ga di supe fa dipopego tse di supa fa Matsieng  a dule fa ebile a ne a gata teng. Ba letso la Sotho-Tswana ba dumela gore Matsieng o ne a dirwa ke Modimo mme a tswa ka phatlha nngwe mo letlapeng leo. Maabong o ne a supegetsa Naledi phatlha eo ee mo letlapeng.

Maabong a re morago o ne a tswa foo a tsamaya le kgaolo ya borwa jwa Aferika. O ne a tswelela ka gore ba letso la Sotho-Tswana ba dumela gore nako eo maje a ne sale metsi. Ka jalo e ne ya re Matsieng a gata a tlogela dikgato.

Fela, Maabong are o utlwaletse sengwe se se pharologano le se  se buiwa ke ba Sotho-Tswana. A re baitsaanape bangwe ba re bone ba bona dipopego tse ele ditiro tsa tlholego. Phatlha e ba morafe wa Sotho-Tswana ba reng Matsieng o dule ka yone  barutegi ba tsa tlholego (geologists) ba re dipatlisiso tsa bone di supa fa dipopego tseo ele ditlamorago tsa lekgwamolelo (volcano) le le neng la diragala mo lefelong leo. Fa go tla mo dikgatong tse di fitlhelwang  mo lefelong leo, Maabong a re o itse gore baitsaanape ba re ba dumela fa ele ditshwantsho tse di neng tsa dirwa ke batho ba letso la Sesarwa ba go dumelwang ele  bangwe ba batho ba ntlha mo kgaolong ya borwa jwa Aferika. Maabong a re gone go supega fa dikgang di tla nna di farologana ka dikgang tsa ditso tse di sa kwalwang segolo bogolo fa re dumela mo ditumelong tse di farologaneng. Fela, a re go tla a bo go se maleba go itlhokomolosa ditso tsa go nna jalo ka di na le seabe se setona thata mo ngwaong ya rona. A re re tshela mo lefatsheng le le fetogang ebile go supega fa go tla tswelela go nna le bothata mo go reng re dumela eng kgotsa ga re duemle eng.