Naledi

Dibatana di gabuka leruo kwa Boteti

E re ka phefo e se moloba mafoko, Naledi e ne ya utlwalela ka ga tshenyo e e dirwang ke dibatana mme Mmegadikgang wa Naledi o ne a etela meraka e e farologanyeng e leng Marulamantsi, Mohisenyane,Yuutshaa, Tshwanyane, Nxeekhudi le Tlharedintle. Ka nnete Naledi e ne ya fitlhela e le gore barui ba koo ba tshelela mo selelong le khuranyo ya meno ka ntlha ya go senyetswa ke dibatana segolojang nkwe le thwane.

Barui ba boleletse Naledi ba tletse kutlobotlhoko gore maiteko a bone a go itshetsa jaanong a fetoga matsapa a lefela ka ntlha ya dibatana tse di lesotlo. Ba re dibatana tseo di bolaya thata dinamane le dihutshane ka palo e e tsitsibanyang mmele. Rre Keletso Ketshabetswe wa moraka wa Mohisenyane a re e rile mo dibekeng tse pedi tse di fetileng nkwe ya bolaya dipodi tsa gagwe di le lesome le botlhano mo letsatsing le le lengwe mme le gompieno o nna a solofetse mahutsana fela.

‘’Se se botlhoko ke gore dipodi tseo tsotlhe di ne di dusa,’’ ga bua Keletso. Kwa morakeng wa Marulamantsi, o e leng wa batho boora Phologolo, koo go thata e e robang dimapo gonne nkwe e bolaya dihutshane tsatsi le letsatsi.

Ga twe dinamane tsa ga  Rre Molatedi  Phologolo tsa letsopa le lentle di jelwe di le tlhano mo bekeng e le nngwe fa dihutshane tsa ga Peloyame Phologolo tsone di jelwe di le lesome le boraro mo bekeng.

Badisa ba meraka eo ba re ba leka bojotlhe go disa mme molato ke gore dibatana tseo di maferefere, mo di kgonang go tlhasela diruiwa di le gaufi le lelapa. Ba re bontsi jwa dinkwe di tsetse mme di bolaya leruo ka bodipa go bapalela bana, mo jaanong badisa bangwe segolobogolo bomme ba boifang go disa ba le esi.

Barui ba kwa Boteti ba re nako e tsile ya gore puso e sekaseke go oketsa madi a phimolo dikeledi ka mo nakong eno a mannye thata. Ga twe mo nakong eno fa podi e bolailwe ke sebatana morui o duelwa P157.00, selo se ba reng ke lesotlo. Naledi e ne ya tlhotlhoma le meraka ka bontsi mme ya fitlhela ba le mo selelong se le sengwe. Ba re ba lephata la diphologolo ba dirisana nabo sentle, molato wa kgeleswa ke fela gore madi a phimolo dikeledi a ko tlase. Ba re ba tla tswelela ba disa leruo la bone go fitlha fa e le sengwe dibatana tseo di bolaya bone ka sebele.