Naledi

Batsamaisatiro, baatlhodi ba senya dikgaisanyo

Dikgaisanyo tse, kwa tshimologong bangwe ba ne ba sa tlhaloganye mosola wa tsone. Mme fa nako e ntse e tsamaya le tsone di tshwarwa ngwaga le ngwaga, bontsi jwa simolola go di tlhaloganya le gone go di rata. Go ne go se thona go bona Batswana ba supa fa ba ntse ba nyoretswe ngwao le ditso tsa bone go ya ka go farologana ga tsone, eleng seo le bone badiragatsi le ditlhopha di ntseng di oketsega.

Le fa gongwe gona le mongwe golo gongwe mo sekhutlhwaneng sa gagwe a kgala tautona Khama ka ntlha ya go dira jaana, maduo a se a simolotseng dingwaga di robabobedi tse di fetileng a ntse a a bonala. Batswana fa malatsi a a tla, ba simolola go bua ka fa ba yang go ja monate wa Setswana ka teng. O tla ka poko, mmino, kopelo le tsotlhe tse eleng segabone go siame fela!

Ka gone Motswana a bolela gore bontlenyane boseng nosi, go lebega bagolwane bangwe mo pusong ba sa tlhaloganye se tota dikgaisanyo tse di tshwanetseng go se dira. Mme jaanong ba dira gore batho ba simolole go ipotsa gore tota gatwe go dirwa eng.

Dikgaisanyo tse le fa di gola ngwaga le ngwaga jaana, monongwaga di supile sentle ka dipalo gore ammaaruri go na le kgatelopele fa go lebilwe le ka fa badiragatsi le ditlhopha ka go farologana di neng di tlhwaafetse ka teng. Re a itse gore go na le dimpho, dietsele le one madi tota, eleng seo mongwe le mongwe a tshwanetseng go ntsha gatshwene.

Fela, fa go lebiwa kwa godimo, kwa go neng go solofetswe go bona bothakga le botswerere jwa Setswana, bogolo jang ka dikgaisanyo e le tsa go tsosolosa ngwao le le talente, go ne go swabisa thata go bona batho ba ba neng ba filwe sebaka kgotsa tiro ya go tsamaisa tiro ba palelwa.

Go palelwa mo go dira gore re ipotse gore tota batho ba ba tsewa kae, ke mang a reng ba tle go dira eng se ba sa se itseng gotlhelele. Bangwe ba bone ba ne ba palelwa fela ke go bitsa le one maina a ditlhopha kgotsa a badiragatsi a  Setswana. Bangwe ba bone ba bona go le botoka gore le one mafelo a Botswana ba a bitse jaaka okare ke a Sekgowa.

Go ne go swabisa le go utlwisa botlhoko go utlwa

motsamaisatiro e re mmoki  a sena go itsatsanka ka leboko la gagwe, a bo ene a itlhophela gore o bua Sekgowa, mme ebile a tlogetse gotlhelele gore mmoki o ntse a reng. Re dumela thata gore batsamaisatiro ba gompieno ba ne ba itebetse thata mo tirong ya bone, ba lebala gore dikgaisano tse di mo thelebishineng ya Botswana e e lebelelwang ke Batswana ba ba sa itseng Sekgowa kwa magaeng.

Bagasi ba diromamowa le bone ba ne ba itirela dilo tsa bone fela, mme bangwe ebile ba latlhelela fela fa ba botsa bagolwane ba ditlhopha dipotso morago ga go fologa serala. Ba ne ba sa dire gore bareetsi le babogedi kwa malwapeng ba rutege le go itse ka se motho a botswang ka sone, sengwe se jaanong se dirang gore re ipotse gore tota ba ne ba tsewa go tla go tsamaisa dikgaisanyo tse go lebilwe eng.

Go lebega sa bone e ne e le go tla go gatisa thekethe fela, eseng go thusa go re dikgaisanyo tse di nne le boleng jo bo kwa godimo gore mongwe le mongwe a tswelele a di gakologelwa.

Baatlhodi le bone ba tshwanetse go rata boammaaruri, ba tlogele mokgwa o wa bone wa go tsietsa le go rata badiragatsi bangwe. Go maduo mangwe a tota a swabisang ka maemo a ntlha a lebisitswe kwa bathong ba a sa ba tshwanelang gotlhelele. Selo se setse sena le dingwaga di robabobedi sentse se diragala, mme se bolaya bontle jo tautona Khama a eletsang go bo dira.e matlho go bona seetsele

 

TEICHLER RANKOA

 

Morago ga go sa dirang sentle ga naledi ya Botswana ya lebelo la 800m, Nijel Amos, Batswana ba boa gape ba nna le tsholofelo ka jaanong motabogi yo mongwe gape wa lebelo la 400m Isaac Makwala a sutlheletse kwa makgaolakgannyeng.

 

Se se tlogela Batswana ka tsholofelo ya gore motabogi wa lefatshe la bone  o ka ba phamolela seetsela sa gauta go ba tlogela ka boitumelo jo bogolo go bona le bone lefatshe la bone le kwala mo dibukeng tsa mafatshefatshe la digauta.

 

Makwala o iphitlhela le ene a na le kgwetlho e e thata ya go supegetsa Batswana fa a na le bokgni le talente ya go ka tsaya fologa ya lefatshe la gagwe a e phaphasedisa kwa godimo morago ga phenyo ya gagwe. Ka a ntse a taboga nako e ntsi a le ka fa tlase ga kgatelelo ya go dira sentle mmamoratwa Nijel Amos yo jaanong a ne a setse a dirile gore e re go buiwa ka motabogi go bo gotwe Nijel Amos, le ntswa a na batabogi ba bangwe.

 

Gone le fa Makwala a ka kgona go phamola gauta gompieno, go santse go na le sebaka sa gore fa a ka fosa gauta, o ka nna le sebaka sa go ka supula gape seetsele sa selefera fa a ka bona maemo a bobedi, se le sone se ka tlogelang Batswana ba itumetse ka go bona maemo a bobedi.

 

Makwala o ka boa gape a palama serala go gapa seetsele sa boronse fa a ka felela mo maemong a boraro, mme fa a ka se kgone go goroga fa, Batswana ba tla a sala gape ba lela se se botlhoko ka go sa bonang le fa e le maemo a boraro tota. Se se tla raya gore Batswana ba boa ba iphotlhere kwa Beijing, China, maemo fela a a sa elediweng ke ope.

 

Amos o iphitlhela a le mo mannong a a sa a tlwaelang a babogedi, morago ga gore a felele fela mo maemong a a sa a tlwaelang a boraro, mo seka-makgaolakgannyeng, se Batswana ba santseng ba ipotsa gore tota se bakilwe ke eng.