Mosadi o rotloetsa popagano ya bomme
Bonte Seepi | Wednesday August 26, 2015 17:31
Ka dithutego, Mmuru ke monana yoo tshwereng Digarata (Degree in Humanities) mme ga a ise a ko abereke tiro e a e ithutetseng kwa Mmadikolo. Mo potsolotsong le ba Naledi, Mmuru a re o sale a tlhokafaletswe ke batsadi ka bonana selo se a reng se mo dirile gore a nne motsadi a sa le monnye. Mme yo, o supile fa akile a dira ya go dirisa sebalamakgolo kwa bankeng ya Standard ka 2010m, mme morago ga kgwedi tse thataro a tlogela mme a ya go dira kwa Rach Properties ko le gone a sa diegang.
A re o ne a pholetha le ditiro ka go farologana ka jaana a ne a sa bone se a se batlang. “Ka nako ya teng go bereka mo bankeng e ne ele selo se se ratwang ke banana thata mme nna ga ke a kgathwa ke sepe teng. Erile kentse ke bereka ka itemogela gore ke bereka fela ka gore ke batla go thusa ba lelwapa lwame, mme go se na lorato mo teng,”a bua jalo Mmuru.
Fa a tswelela a tlhalosa gore WKG e tsile jang, a re e ne ya re ka ngwaga wa 2011, a boela gae (Palapye) a sena go tlholwa ke go bereka, mme a ipolelela gore o tshwanetse a direla batho sengwe. A re ngwaga wa 2011 otlhe, one a itemogela fa a na le lorato le le golo mo bathong mme a nna le keletso ya go ba thusa.
“Ka ntateng ya tsotlhe tse dintiragaletseng ke le mosetsanyana, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse ka thusa basetsanyana ka tsela nngwe, gore ba seka ba feta fa ke fetileng teng. Kene ke dira dilo tse di sa siamang di akaretsa go nwa majalwa le tse dingwe tse di ka tsenyang ngwana wa mosetsana mo diphatseng. Ke ka jalo ke neng ka tlhama mokgatho o,” arialo Mmuru.
Mmuru yo mo bogompienong eleng mmaagwe mosimanyana wa dingwaga tse thataro, a re ga a bolo go tshwenngwa thata ke kafa bana ba basetsana ba inaakantseng le majalwa le ditagi ka teng ba bo ba felela ba latlhegelwa ke dilo tse di botlhokwa le nako tota.
A re o tshwentswe gape ke kafa basetsanyana ba inaakanyang le go tlhakanela dikobo ba sale bannye ka teng, a re selo seo se ka ba senyetsa matshelo. A re ba felela ba tshola bana bale bannye thata. A re kgang e nngwe ke ya kgokgontsho, a re e re ntswa borre ba kgokgontshiwa, kgokgontsho ya bomme e kwa godimo thata. A re se se dira gore bomme ba latlhegelwe ke serite le tlotlo. A re mokgatho wa gagwe o itebagantse le go suga bana ba basetsaba le go ba ruta maitseo aa siameng gore bagole e le bomme ba tlhwatlhwa.
“Jaanong nna ke batla gore bomme ba thusane, balese gonna ba itepatepanya ka bo bone. Ka jalo kenna ke etse thoko ka fa bomme ba tsaanang ka teng gongwe le gongwe kwa bateng, dikereke, ditiro jalo jalo,” Mmuru a tlhalosa jalo. Mokgatho wa WKG o amogela mongwe le mongwe ebile ebile ona le sekolo sa bananyana ba bannye. Kwa ba rutiwang dilo dile mmalwa di akaretsa goja, gotsamaya sentle, go bua le gone go ka tsalana le batho ba bangwe. Mmuru a re mo bogompienong ba na le bana bale masome a mararo le botlhano le bomme ba le masome a mabedi le botlhano. Are kgwebo ya gagwe e dira dinala, meriri le tse dingwe.