Selefu

Ke bao barwa Kgodumo ka Matlhatso

Mosadi Seboko
 
Mosadi Seboko

Letsatsi le le ipelwa ngwaga le ngwaga fa paka ya mariga e ya bokhutlong. Mong a morafe wa ga-Malete, Kgosikgolo Mosadi, ke ene a tlaa di gogang kwa pele ka letsatsi le legolo le la go alosa banna le basadi ba mophato le go keteka ka boitumelo letsatsi le legolo la ngwao le ditso la barwaKgodungwe. Se e le sone sesupo sa gore morafe o motlotlo ka kgosikgolo ya one gammogo le se tota eleng sekao se se botlhokwa sa one.

Kalogo e ya bogwera le bojale e tla jaana morago ga gore kgosikgolo a bolotse banna le basadi go tswa ka metse, mme ba tsena mo sekgweng go ya go rupa kwa tota botlhokwa jwa teng ele go ya go rutwa tsotlhe tse di tlhokegang mo monneng le mosading mongwe le mongwe yo o nang maikarabelo. Se sengwe gape ke go rutwa maitsholo a mantle, bogolo jang a go tsamaisa malwapa le merero ka go farologana ga yone ka ba rupisiwa le go rutwa ke bagolo ba ba rutilweng ebile ba na le maitemogelo a go dira jalo. Mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng, letsatsi le legolo le la barwaKgodumo go bonetse sentle fa le tsweletse ka go gola ka bofefo ka le ngoka tatedi e ntsi ngwaga le ngwaga. Se se go supa sentle fa Balete ba rata thata go ikamanya le lone.

Tshologelo e ya morafe wa Balete ka dipalo tse di kwa godimo ke sekao gape gore Balete ba eletsa go tlotlomadiwa ka ngwao le ditso tsa bone, tse ba sa batleng go le bega okare di ba tlhabisa ditlhong.

Ka Matlhatso go tla a leba yo  o sebete jaaka, morafe wa ga-Malete o tla a bo o supa ditiro, metshameko le dijo tsa one tsa ngwao. Mme go solofetswe monate jaaka batsenamoletlo o, ba tla bona banna ba mophato ba itaana ka dithupa mo motshamekong wa magwane. Bangwe banna ba tla a wa ka mpa ya sebete ba tlhobotse go amogela mabele a kgomo kgotsa a podi mo mekwatleng go supa ka fa Balete ba kileng ba bo ba atlhola le go otlhaya badiramelato ka teng. Banna ba bogwera le basadi ba bojale le bone ba tla a opela le go bina thata go supa le go utlwisa batsenamoletlo dipina tsa bone tsa fa ba le kwa sekoleng se sa ngwao. Selo se gantsi se kgonne go tswelela se thusa thata go ngokela batho mo moletlong o wa barwaKgodumo ka dipalo tse dintsi ngwaga le ngwaga.

Baopedi ba dipina tsa ngwao ka go farologana, gammogo le baboki ba ga-Malete ba tla a nna teng go natefisa letsatsi le go supa fa ba santse ba tshwere ngwao e ya bone sentle. Mme go solofetswe fa banana ba Gamalete ba tla a tla ka dipalo tse di itumedisang go tla go kopanela letsatsi le legolo le le kgosikgolo ya bone.