Naledi

Kb Mogwe o latela dinku kwa masimong

KB Mogwe
 
KB Mogwe

Fela, tse jaanong ke dilo tsa maloba ka lelwapa la bone le thubegile, nyalo e fedile, le setlhopha se kgaogane. Charma-Gal o fa le, o tlhamile Ekentolo volume 6 a le nosi. Go ise go ye kae Kabelo KB Mogwe le ene ka Culture Spears o golola ya gagwe e e tlolang ditlhase.

Fela jaaka go ne go solofetswe gore ka Charma-Gal a golotse alebamo e e tshotseng dipina tse di molaetsa o tlhobaetsang, bogolo jang ka a dule mo setlhopheng se sa gagwe sa mmamoratwa, Kb o somotse alebamo e le yone jaanong e reng e lela ka gore mongwe le mongwe a buse tlhogo go baakanya ditsebe go utlwa sentle.

Mo alebamong e ya gagwe, lekolwane la Bokone Bophirima o dira se a itsegeng ka sone, o tshotse molaetsa o bangwe ba tla a tsayang sebaka se se leele go o tlhaloganya. Fela jaaka setlhako se ke sa ga Kulenyane, e le yone barati le balatedi ba gagwe ba tsile go bua thata ka yone.

Pina nngwe e e bogale thata, e e buisang batho mafoko ka go farologana ke e a reng o timeletswe ke dinku di le pedi. Kb a re dinku tse go bolelwa fa di utlwalelwa kwa masimong a Oodi. A re dinku tse go utlwala fa di tserwe ke monna mongwe wa sekuta.  Monna yo wa sekuta go ya ka Kb ke motho yo o tshabegang thata ka o bua fela a re batho ba a mo tshaba, ga go buiwe ka ene. Fela are gaa mo tshabe, ebile a bolela fa a tla a mo latela gone kwa masimong a a Oodi go batla se eleng sa gagwe. A gatelela gore o tla a mo latela ka tonki ya gagwe ka e ka kgona go tsaya mosepele e sa kgorelediwe ke sepe. Alebamo e, go bonala sentle fa moeka a leka go supa gore ka boammaaruri ga se gore fa Charma-gal a seyo kgotsa a tlogetse setlhopha sa Culture Spears se ka se kgone go tlhama le go opela dipina tse di monate fela jaaka gale.

Fela jaaka erile Charma-gal a golola alebamo ya gagwe a le nosi, barati le balatedi ba gagwe ba tsenya matlhokwa mo ditsebeng go itshotlha ditshoka go utlwa sentle, ba bo ba ba e amogela ka lorato le boitumelo jo bogolo, bogolo jang sone sekuta sa ga Charma-gal. Alebamo e ya Culture Spears e bonala e amogelwa sentle thata, bogolo jang yone pina ya tonkana, kgotsa dinku tse di timeletseng kwa masimong a Oodi kwa kgaolong ya Kgatleng.

Ka jaanong botlhe ka bobedi ba golotse dialebamo morago ga go kgaogana, go tla a bonwa gore tota ke mang yo o nang le talente fa go tsenwa mo kopelong le mmino wa Setswana. Se se tlhokegang ke gore barati le balatedi ba mmino e nne bone baatlhodi.