Naledi

Banana ba Sadc ba gadika bobegadikgang

Go ne go sekasekwa tshotiso ee neng e bua ka go emisa go ema nokeng bobegadikgang ka madi ga mebuso. Go ne go na le letlhakore le le neng le ema tshotiso eo nokeng. Letlhakore leo le ne la itsetsepela ka gore diphathi tse di busang mo mafatsheng a borwa jwa Aferika di tlwaelesegile ka go ikgagapelela bobegadikgang ja puso. Ba re diphathi tseo di felela di dirisa bobegadikgang ja puso go ipapatsa le go kgaphela diphathi tsa kganetso kwa ntle. Ba tsweletse ka gore ke sone se go seng motlhofo gore di latlhegelwe ke ditlhopho.

Ba tswelela ka gore diphathi tse di busang di na le mokgwa wa go dirisa bobegadikgang ja puso go bua se eseng nnete ka ditiragalo tsa lefatshe. Ba re baeteledipele ba nna ka go tlhobosa mathata a tshwana le letlhoko la ditiro, lehuma le tshenyetso setshaba. Ba re seo se jwelelela sentle le batlhophi ka bobegadikgang ja puso bo na le ditsompelo tsa go anama go na le jo bo ikemetseng ka nosi. Ba re baeteledipele ba dira se ka go itse sentle fa kitso e kgona go rotloetsa megopolo ya batho fa ba tsaya ditshwetso tsa go tlhopha.

 Banana bao ba ne ba galaletsa bobegadikgang jo bo ikemetseng ka nosi mo borwa jwa Aferika. Ba re ntswa bo tlhaelelwa ke ditlamelo bo leka bojotlhe go neela setshaba dikgang tse di fitlhwang ke baeteledipele. Fela, ga bo gona le banana ba bangwe ba ba neng ba sa dumalane. Ba re go botlhokwa gore go nne le bobegadikgang jo bo thusiwang ke puso ka madi gore melaetsa le mananeo a puso di goroge lefatshe ka bophara. Ba re bone  ga ba dumele fa puso e tshwanetse ya emisa go ema bobegadikgang nokeng. Fela, dithata tsa puso di ka fokodiwa. Kgang eo e ne ya seka ga kgotsofatsa letlhakore le lengwe.

Ba ne ba nganga ka gore le fa go ka nna le khuduthamaga e go tweng e ikemetse ka nosi go lebelela bobegakgang ja puso, ga gona mosola ka bontsi ja nako e etelelelwa ke ba ba amanang le diphathi tse di busang. Bobegakgang jo bo ikemetseng ka nosi bo ne ja sutswa ka monwana. Gatwe ga bo laolesege ebile ga bo ke bo thusa ka go gasa mananeo a puso. Gatwe makgetho a le mmalwa bo tlatsa marago ka matlapa go ngoka kgwebo.

Ngangisano e e tla ka nako e le mo lefatsheng leno phathi ee busang e sutswang ka monwana gotwe e ikgagapelela bobegadikgang ja puso. Sekai e ne ya nna pego nngwe ee neng ya tswa kwa phathing ya Domkrag ka go seegelwa fa thoko ga mokwaledi-mogolo wa yone Gomolemo Motswaledi ka nako eo.

E ne ya balwa ke mookamedi wa kgaso Mogomotsi Kaboeamodimo mo Botswana Television. Kgang e nngwe e ne ya tsosa kgaruru ka bobegadikgang jo bo ikemetseng ka nosi ke ya koranta ya Mmegi ya gore go tlhophiwe Otsweletse Moupo. Pego e e ne ya seka ya itumedisa bangwe ba ba neng ba ipelaetsa gore go supa sentle fa bobegadikgang jo bo ikemetseng bo ema diphathi tsa kganetso nokeng kgatlhanong le ee busang.