Naledi

Ba ba kwa godimo ba itumetse

 

Mo pineng e ya gagwe ya go jewa batho Maghebula o papamatsa gore bangwe ba itumetse ka ba dirile tiro ya bone. A re ‘re ba jele ba dimpa dimagwata, setlhako sa lela, ba ba kwa godimo ba itumetse, fa ba ba kwa tlase bone ba itumetse.’ Pina e e maleba thata fa go lebiwa ka fa metshameko ya mafelo a beke e neng e ntse ka teng. Setlhopha sa mmamoratwa sa kwa toropong ya Lobatse, Extension Gunners se ile sa leba kwa Selebi-Phikwe go thulana le sa koo sa FC Satmos.

Gunners kgotsa Mapantsula jaaka barati le balatedi ba sone ba rata go se reta, ba ile ba somola ditlhobolo tsa bone ba hulakaka benggae, Satmos ka dinno di le tharo go lefela, kgotsa ka e le mapantsula go ka twe ba ile ba somola dikoni ba tlhabakaka le go tsatsanka ka tsone tirii holes. Phenyo e ne ya tlhoma Gunners kwa godimo ga loko ka dintlha di robabongwe ka Matlhatso. Mme se sa itumedisa barati le balatedi ba setlhopha se thata ba opela bosigo jotlhe jwa Matlhatso go fitlha gompieno.

Ba ne ba dira jaana ka ditlhopha tse dingwe tse go neng go solofetswe fa di ka palama loko kwa godimo, bogolo jang Township Rollers, Gaborone United le Mochudi Centre Chiefs di ne tsa bonya mme tsa jewa botlhoko. Magosi a Mochudi a tota a neng ana le sebaka sa go fenya kwa Maun, a iphitlhela a tshwere bothata kgatlhanong le Sankoyo Bush Bucks.

Ngurungu e ne ya seka ya batla go dumela gore Magosi a goroge mo

gayone go e feela, eleng seo e neng ya lwa ka gotlhe go loma Magosi mesifa go e kgaola gore a seka a kgona go itwela sentle, eleng seo erile motshameko o ntse o nna thata Magosi a itlhaba ka thipa go thusa Ngurungu go e kgaola bonolo le go itumelela phenyo e ya bone.