Naledi

Basetsana ba kirikete ba tshamekile � Ramakrish

 

Ramakrishna o boletse gore kgaisano e ya mafatshe a mane, eleng la Zimbabwe, Botswana, Namibia le Mozambique e dirisiwa gantsi go itlhokoletsa dikgaisano tsa mafatshe tse ditona, eleng seo go leng botlhokwa thata lefatshe la Botswana le nne le nna le seabe mo go yone. O ne a gatelela gore ke yone kgaisano e e mashetla go ka ba thusa go ikatisa le go bona batshameki ba ba popota ka e na le mafatshe a a itseng kirikete ebile  a le mashetla thata jaaka Zimbabwe le Namibia.

Fa a bua ka setlhopha se se neng se tshameka sa basetsana, Ramakrishna o boletse fa se tshamekile sentle, le fa gone maikaelelo a sone a go gapa bosimega a ile a folotsa, ese ka go bo ba sa itse se ba se dirang, mme e le gore ba ne ba thulane le bommantswitswidi ba kirikete mo kgaolong ya Aferika.

O ne a tlhalosa fa mo lebaleng batshameki ba Botswana ba ne ba dira sentle, fa e ne ese go bolawa ke diphoso fale le fale, tse a reng ke tsone tse ba ithutang ka tsone gore ba tle ba baakanye. 

Ka jaanong kgaisanyo e ya mafatshe a mane e wetse, a re o solofela fa bakatisi ba setlhopha se ba tla a boela kwa tafoleng go bona gore ba baakanya fa kae pele ga setlhopha sa bone se boela mo kampeng go ya dikgaisanyong tse dingwe tse di tlang. O ne a ipelela gore lefatshe la Botswana le setse jaanong le na le bokgoni jwa go mekamekana le mekaloba ya motshameko o wa kirikete.

Go supa bothata jwa Zimbabwe mo motshamekong o, Ramakruishna o boletse fa lefatshe le le setse le fenya kgotsa le gapa kgaisanyo lekgetho la boraro ka tatelano.

 A re mme se se tlhokana le go lebogwa thata, mme go le botlhokwa gore Botswana a tswelele ka go ithuta mo go Zimbabwe.

A re o leboga thata batshameki le bakatisi botlhe ba ba neng ba nna le seabe mo kgaisanong e e sa tswang go wela e, a boa a leboga le bone barotloetsi ba ba neng ba ititaya kgetse go thusa lekgotla la gagwe.